Breaking News

Emisang go latedisa metlhala ya diphologolo

09 Apr 2014

Mopalamente wa kgaolo ya Okavango, Rre Bagalatia Arone, o kopile banni ba metse ya kgaolo eo go iphapha mo go lateleng diphologolo fa di ba senyeditse, a tlhalosa fa gole borai mo matshelong a bone.

O buile se, fa a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng, mme a re batho ba latlhegelwa ke matshelo  ka fa gongwe diphologolo di tshwana le ditau le ditlou di le borai fela thata.

Mopalamente Arone o gakolotse gore fa ele gore go nale phologolo e ba belaelang e tshwenya mo masimong kana mo motseng, go maleba gore ba ikopanye le ba lephata la diphologolo le makgabisa naga, gore ba kgone go ba thusa e seng ba itseela ditshwetso, ka go dira jalo go setse go tsentse bangwe mo diphatseng tsa leso le dikgobalo tse di seng kana ka sepe.

O ba gakolotse gore, ga go monate gore a nne a utlwa gotwe tau e bolaile mongwe jaaka e dirile bosheng kwa Ghani. Rre Arone o ba tlhaloseditse gore, o iponetse ka matlho rre mongwe wa Seronga yo o gobaditsweng ke tau, e bile a robaditswe kwa sepateleng se segolwane sa

Marina kwa Gaborone, mme a tlhalosa fa seemo sa gagwe e le se se ngomolang  pelo.  Mopalamente Arone o ba tlhaloseditse  gore puso e duela batho fa diphologolo di ba senyeditse, ka jalo ba leke go emisa go di latela  ka go le borai.  

O kaile fa a itemogetse gore gone mme  diphologolo di tshwana le ditlou di a senya, mme a kopa banni gore ba leke gore fa ba di bona ba tseye ditshwetso tse di ka se ba beeng mo kotsing.

O boile a gakolola banni ba Okavango gape gore, go botlhokwa gore ba itse diemo tsa bone tsa malwetsi, ba tle ba bone thuso nako e santse e le teng. O tsweletse a gakolola borre gore ba itlhatlhobela malwetse a tshwana le kankere ka a re, a borai fela thata.

Mopalamente o gakolotse batsadi ba Shakawe le badirela puso gore ba oketsa borukutlhi ka bangwe ba ratana le bana ba sekolo. O boletse fa a swabisiwa ke batsadi ba ba rotloetsang bana ba bone go ratana ba santse ba tsena sekolo, mme a re, golo mo go tsenya bana mo diphatseng tsa go sa pasa le go tsenwa ke malwetse.

Mopalamente Arone o boletse gore gangwe le gape le fa batho ba bona gore bangwe badirela-puso kana batsadi ba bona sengwe se se fatlhang se diragala, ba itidimalela fela ekete ga ba bone selo seo e le molato.

O kgothaditse  mongwe le mongwe gore fa a bona sengwe se se fatlhang, o tshwanetse a itsise mapodise le bogogi jwa motse gore go diragala  eng ka bana ba bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Apr 2014