Breaking News

Kotsi ya koloi e gapa botshelo

09 Apr 2014

Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng botshelo jwa mosadi wa dingwaga tse di masome a mane le bobedi morago gago thulwa ke koloi mo lwapeng ka Matlhatso, Moranang a tlhola malatsi a robabobedi.

Mogolwane wa mapodisi a pharakano mo kgaolong potlana ya Boteti, Superintendent Modiredi Khumo o tlhalositse mo potsolotsong gore kotsi e diragetse fa mokgweetsi a ne a leka go boela kwa morago mme ya re ba ba mo lwapeng ba mo goa go mo tsibosa gore o tlaa thula mongwe a gata mahura ka jalo koloi ya oketsa lebelo.

Superintendent Khumo a re koloi eo e ne ya felela e thula mongwe wa ba na neng ba ntse kwa morago ga yone mme ya mo pataganya le koloi e nngwe e le yone e neng e le mo lwapeng. A re kotsi e diragetse ka nako ya bone mo tshokologong kwa kgotleng ya letsibogo mo lwapeng lengwe kwa go neng go na le bokopano jwa motshelo teng.

Superintendent Khumo a re mokgweetsi wa koloi e e bakileng kotsi ke mme wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi  ka jalo o thusa mapodise go tlhotlhomisa tiragalo e e bakileng leso.

A re le fa a ne a ragosediwa kwa sepateleng ka bofefo ka go tlhoka lesego o ne a felela a tlhokafetse. O supile gape gore mo ditlhotlhomisong tsa bone ba belaela fa mokgweetsi wa koloi e e bakileng kotsi a ne a iphetisitse nnotagi.

Rre Khumo o tsweletse a tlhalosa gore e tlaa re ditlhotlhomiso tsa bone di sena go wela mokgweetsi wa koloi a isiwe fa pele ga lekgotla go arabela molato wa go baka leso ka go kgweetsa a sena kelelelo le gone a sena teseletso ya go kgweetsa gape  a iphitisitse nnotagi.

Superintendent Khumo a re o kopa batho go emisa mokgwa wa go kgweetsa ba sena teseletso ya go kgweetsa, mo godimo ga moo ba nole bojalwa, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo e bile e le molato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 09 Apr 2014