Kgari o tsibogela seemo sa maduo a baithuti
09 Apr 2014
Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, a re, o bone go tshwanela gore a buisane le ba-na-le-seabe ka dikgwetlho tse di tsalang gore maduo a baithuti a wele tlase gammogo le maitseo a bone a a seng mantle.
O buile jalo ka kwa bokopanong jwa ba-na-le-seabe kwa Molepolole, jo boneng bo tsenwe ke megokgo ya dikole, mapodisi, ba lephata la thuto le dikgosana tsa motse.
Kgosi Kgari III o tlhalositse gore, “ke gwetlhilwe thata ke maduo a sekolo se segolwane sa Kgari Sechele a tswang kgakala a sa tokafale. Ke dumela gore nako e santse e le teng ya gore re ka buisana ka mathata a, re bo re tswe ka tharabololo go tokafatsa seemo”.
Kgosi a re o tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa bana ba dikole ba go tweng ba nale mewa ya ga saatane ga mmogo le batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana.
Fa a akgela, mothusa kgosi kgolo ya Bakwena, Rre Norman Garebakwena, o akgoletse Kgosi Kgari go tsibogela seemo se, a re o lebogela gore madi a borutabana a santse a le mo ditshikeng tsa gagwe jaaka a lemogile botlhokwa jwa thuto mo baneng gonne ke bokamoso jwa lefatshe la Botswana.
“Kgang e, e ama mongwe le mongwe gore a thuse. Jaaka batsadi ba sa bonale jaana, boeteledipele bo tshwanetse jwa tsenya leitlho go sekaseka gore a bana ba, ga ba nne ba le nosi. Dipaka di fetile tse bana ba ka nnang ba le nosi batsadi ba le kwa ditoropong kgotsa kwa masimo,” Rre Garebakwena a akgela.
O tsweletse a re, go nale bana ba ba kgoreletswang go ithuta ke seemo sa malwapa a ba nnang mo go one ,a tlatsa ka gore, le mewa e go tweng ke ya ga saatane e e jweleletseng mo baneng, e tshwanetse ya rarabololwa ka go fa baruti sebaka sa go rapela gangwe le gape kwa dikoleng.
Kgosi Garebakwena o tladitse ka gore,“o tla fitlhela seemo se ngwana a kgonang go tsosiwa bosigo gotwe rraagwe o tsile a tsoge a mo apeele, seemo sa go nna jalo se kgona go koafatsa thuto ya ngwana ka gore fa a re oa robala, o tshwanetse go tsoga jaanong a ya sekoleng.”
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Serameng kwa Metsimotlhabe, Rre Elias Segwagwe, o kopile gore bana ba gakololwe ka thupa, a fa bopaki ka ene gore mo bonyennyaneng jwa gagwe o ne a sokololwa ke moretlwa. O kopile barutabana go ikitaya ka thupana go ntsha maduo a tlhwatlhwa le gore ba tseye tiro ya bone jaaka pitso e e kgethegileng.
Bontsi jwa ba tsena bokopano joo, bo ne jwa dumelana le ene fa moretlwa ele molemo wa moithuti ntswa ba ne ba tlhalosa fa kgang ya go otlhaya moithuti ele matswakabele malatsi a gompieno.
Ba kopile gore mo sebakeng go santse go sekasekwa ditharabololo, barutabana ba letlelelwe go isa baithuti ba matswatseleng kwa dikgotleng go kgwathisiwa, ka ele tsone di filweng tetla ya go kgwathisa, mme seo se dirwa go setswe morago tsamaiso.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, wa kgotla ya Lekgwapheng, Mme Gaofele Morake, o supile batsadi ka monwana gore ga ba a tlhwaafalela thuto ya bana ba bone.
A re, batsadi ga batle diphuthegong tsa sekole ka dipalo tse di kgotsofatsang, a tlhalosa fa ba iponatsa fela fa ba tsile go ngongorega fa ele gore ngwana wa bone o ka tswa a ne a otlhaetswe molato mo sekoleng.
“Ke nnile modulasetilo wa PTA kwa sekoleng sa Boitshoko lebaka la dingwaga tse di lesome le botlhano go fitlhelela ke ithola marapo, ke bo ke tsena mo maemong a gompieno. Ke kopa modulasetilo wa Umbrella PTA, Rre Sebolai, a tsosolose makgotla a di PTA gore ba tseye maikarabelo a go lemotsha batsadi boleng jwa thuto ya bana ba bone,” Mma Morake a kopa.
Mme Morake o tlhalositse fa ka nako ya gagwe a le mo lekgotleng la batsadi le barutabana, ba ne ba latela batsadi kwa malwapeng go ba biletsa diphuthego kwa sekoleng.
Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi kwa sekoleng sa Kgari Sechele, Mme Dikeledi Kgalaeng o kopile kgosi go kopana le batsadi pele meono e mesha ya go tokafatsa seemo sa thuto mo Molepolole e ka diragadiwang. A re, seo, se tla fema dikgang tsa gore mo bokamosong batsadi ba bo ba re ba ne ba sa rerisiwa sepe.
Kgosi Kgari III o ne a dumalana le gore o tla a ntsha mokwalo o o tla laletsang batsadi ba dikole tsotlhe tsa Molepolole kwa kgotleng kgolo ya Bakwena go tla go utlwa gore matsapa di a tsaya kae le gore go dirwe jang go tokafatsa thuto le botho jwa baithuti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Bokopano jwa ba-na-le-seabe
Date : 09 Apr 2014