Breaking News

Kemedi ya basadi e kwa tlase..

09 Apr 2014

E re le ntswa bomme ba na le seabe  se se bonalang mo ditirong tsa sepolotiki tse di farologaneng, kemedi ya bone mo bogoging jwa dipolotiki e santse e le kwa tlase fela thata.

E rile a buwa mo boemong jwa tona wa tsa pereko le selegae kwa dithuto puisanong tsa go naya bomme dithata ka Mosupologo, Moranang a tlhola malatsi a supa, mokwaledi mogolo mo lephateng leo, Rre Ikwatlhaeng Bagaopi a bolela gore selekanyo sa bomme sa masome a mararo le motso se mo dikomiting dikgolo tsa diphathi tsa sepolotiki mo lefatsheng leno.

Rre Bagopi o o boletse gore bomme ga ba bolo go nna le seabe mo pusong ya batho ka batho ya lefatshe leno ka e le bone ba tlhophang jaaka e le maloko a diphathi, ba boe ba kgobokanyetse diphathi madi.

O boletse gore tiro ya lekalana  la bomme ke e kgolo thata a tlatsa ka gore bomme ba tsweleltse ka go di goga kwa pele mo go kokoanyetseng diphathi tsa sepolotiki madi. A re bomme ba tsweleltse ka go nna batlhophi ba ba palontsi mme seo se a nametsa.

A re jaaka e le lefatshe, Botswana o santse a tlamega go bona mme yo mongwe  morago ga go tlhokafala ga ga Mme Eitlhopha Mosinyi  yo o neng a simolodisa phathi ya sepolotiki ka ngwaga wa 1993 kana yo oneng a le mo seemong sa go nna mokwaledi mogolo wa phathi ya sepolotiki.

O ne a galaleltsa Mme Hubona go nna mopalalmente wa ntlha wa mosadi wa kganetso, a tlatsa ka gore o tsile ka nako e e leng gore palamente ya gompieno ga e na mapaalamente a bomme a e seng matona.  Rre Bogopa o boletse gore ene jaaka a le mokwaledi mogolo yo o lebaganyeng le tsa bong o ne a gwetlhiwa ke maduo a ditlhopho tsa 2009 a a supileng gore selekanyo sa lesome le bobedi mo lekgolong fela la bomme ba ne ba emetse ditlhopho tsa bokhanselara fa  bosupa mo lekgolong ba ne ba emetse ditlhopho tsa bopalamente.

O boletse gore legale go ntse go nna le diphetogo ka jaana kemedi mo maemong a a kwa godimo mo go bomme e ntse e a fetoga jaaka go supagetse ka poeletso ditlhopho e e diragetseng bosheng kwa Francistown.

A re seo se dirile gore go nne le mosadi yo mongwe kwa palamenteng jalo a oketsa palo ya bomme kwa palamenteng go tswa mo go borataro le sephatlo mo lekolong go ya kwa go borobabobedi mo lekgolong.

Rre Bagopi o boletse gore seabe sa bomme mo ditlhabololong se botlhokwa thata, a tlatsa ka gore Botswana o tsweletse ka go neela bomme dithata ka go ba tsenya mo dithulaganyoung tse di farologaneng tsa ditlhabololo.  A re bosheng fela jaana, palamente e ne ya fetisa molao wa gore go tlhongwe sefikantswe go gopola le go tlebogela basadi ba Batswana seabe sa bone mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

O rotloeditse setshaba go itse gore tekatekano ya bomme, e raya tswelelopele ya botlhe mme ka jalo go botlhokwa go  neela bomme dithata le go ba baakanyetsa ditiro tsa boeteledipele jwa seoplotiki.

Rre Bagopi a re tsholofelo ke gore ka thutopuisano eo, bomme ba ba nang le bokgoni jwa go tsena mo dipolotiking ba tlaa rotloediwa mme ba nne mo boetelediing pele jwa makgotla a dipolotiki.

A re go dira jalo go tlaa oketsa palo ya bomme mo maemong a a nang le boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso mo sepolotiking mo ditlhophong tsa setshaba tse di tlang.

O kopile makgotla ka go farologana go ema nokeng bomme ba ba batlang maemo a sepolotiki a re ditlhopho tsa  peoletlhokwa ke tsone konokono mo go iseng bomme kwa palamenteng le kwa dikhanseleng.

Rre Bagopi o boletse fa nako e nngwe o fitlhela bomme ba kgaratlha ba le bosi fela ba engwe ke phathi nokeng.

Mookamedi wa lekalana la bong mme Valencia Mogegeh ene o boletse gore boeteledipele jwa bomme bo godisa dithata tsa itsholelo ebile bo na le seabe mo se segolo mo ditlhabololong.

Mme Mogegeh o tlhalositse gore go nna le seabe ka tekatekano ga bomme le borre go ka tsisa tekatekano ya bong.

Mme  Mogegeh o boletse gore mabaka a a dirang gore bomme ba seka ba emelwa ka tekatekano a bakwa ke go sa lekaneng ga dithata mo go felellang go kgoreletsa bomme go nna le matshelo a a eletsegang mo setshabeng.

Moono wa thuto puisano eo o ne  re “tekatekano ya bomme ke katlego ya botlhe, go tlhabolola seabe le kemedi ya bomme mo pusong le go tsaya ditshetso”. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Dithuto puisano tsa go naya bomme dithata

Date : 09 Apr 2014