Breaking News

Noka ya Boteti e hupetsa masimo

08 Apr 2014

 

Balemi bangwe ba ba lemileng mo thoko ga noka ya Boteti ba setse ba iphotlhere morago ga gore metsi a a elelang ka bokete a hupetse dijwalo tsa bone pele ga thobo.

Le fa e rile bosheng morafe wa motse wa Mopipi wa bo o ipelela thobo, balemi bangwe ba supile fa ditsholofelo tsa bone tsa go ora molelo wa mariga di phutlhame ka gore mo nakong eno dijwalo tsa bone di nwetse mo metsing.

Ba ne ba supa gore le fa gone ba lebogela dipula tse di namagadi tse di neng tsa thusa gore ba kgone go lema, sebe sa phiri ke gore di nele morago ga nako ka jalo metsi a noka a felela a ba tshwara ba ise ba kgone go roba dijwalo tsa bone.

Mongwe wa balemi ba masimo a bone a apesitsweng ke metsi a noka ya Boteti, Rre Goitshephilwemang Bosekilwe wa masimo a Phorokwe a re, le fa dijwalo tsa bone di setse di budule, ba paletswe ke go di inola mo metsing ka gore metsi a elela ka lebelo le le kwa godimo ka jalo a le borai mo matshelong a bone.

Rre Bosekilwe a re, o setse a kgobilwe marapo ke se se diragetseng, a supa gore o ne a solofetse thobo e e nametsang ya dijwalo ka go farologana di akaretsa mmidi, maphutshe, dinawa le ntshe.

O supile gore o setse a ikuetse kwa ofising ya molemisi go tla go sekaseka seemo se, a tlatsa ka gore le fa a na le tshimo e e kgakala le noka, o feletse a sa kgona go lema mo go yone ka pula e nele morago a setse a itlhobogile. 

Rre Bosekilwe o tlhalositse gape gore tlhaelo ya digogi le yone e dirile gore a leme morago, a supa gore ba ba lemileng pele, ba kgonne go roba masimo a bone a ise a amiwe ke noka.

Mme Pogelelo Keimetswe wa masimo a Motsogo ene a re, o sale a lemile ka kgwedi ya Sedimonthole ngogola ka jalo ba kgonne go roba bontlha bongwe pele dijwalo di hupediwa ke metsi. 

A re, seemo sa metsi se simolotse go bifela pele ka kgwedi ya Mopitlwe, ka jalo ba leka ka natla go roba pele noka e gapa tshimo yotlhe. 

O tsweletse a re, magapu le ntshe ke tsone tse di nwetseng mo metsing pele ga thobo. Mme Keimetswe a re, bangwe ba setse ba dirisa mekoro go tsena mo nokeng gore ba kgone go inola dijwalo tsa bone le fa tota tse dingwe di setse di senyegile.

Molemi wa masimo a Koroghae, Rre Goememang Selawe o tlhalositse gore tshimo ya gagwe le yone e gomagomediwa ke go tsewa ke metsi a noka, a  a supileng fa a elela ka lebelo le le sa tlwaelesegang. Rre Selawe a re, o na le tsholofelo ya gore o tlaa fetsa go roba pele dijwalo di ka tsewa ke metsi.

Balemi ba supile gape gore seemo sa metsi se bifela pele jaana, ba ntse ba tshwere phage ka mangana ba sa bone boroko, leruo le le sa tlhokomelweng le lone le lwela dijwalo le bone. 

Ba tlhalositse gore bontsi jwa beng ba leruo le le senyang mo masimong, ba gana go duela tshenyo e le e  dirileng le gore dingwe tsa dikgomo tse di ba jelang dijwalo di setse di fetogile diphologolo ka jalo di le borai mo matshelong a bone.

Kgosi wa motse wa Mopipi, Rre Kesegofetse Patelelo o kopile balemi gore ba ipabalele gore ba seka ba felela ba betwa ke metsi jaaka ba leka go falotsha dijwalo tsa bone.

 Kgosi o gakolotse gore,“A re tseneng mo metsing a a lekaneng gore re ka itshwarelela e se re gongwe ra felela re tsenya matshelo a rona mo diphatseng.”

Kgosi Patelelo le ene o supile gore le fa pula e kgabisitse lefatshe lotlhe, leruo le lone le sa sokole go bona phulo, barui bangwe ba tlhorontsha balemi ka go palelwa ke go tlhokomela leruo, selo se se tsosang dikgotlhang mo motseng le gone go gakatsa lehuma.

Mokhanselara wa Mopipi, Rre Matshwenyego Shaka le ene o kopile morafe gore o seka wa ipolaisa metsi a noka ba leka go roba dijwalo tsa bone. 

“Re a itse gore le dirisitse ditshenyegelo go lema masimo a lona, mme re kopa gore le itlhokomele le seka la tsewa ke metsi gore ngwaga o o tlang le kgone go lema gape.” Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MOPIPI

Event : Potsolotso

Date : 08 Apr 2014