Breaking News

Mapodise a tshegeditse moithuti

08 Apr 2014

Moithuti mongwe yo o dirang lokwalo lwa botlhano kwa sekolong se segolwane sa  Molefhi kwa Mochudi o tshegeditswe ke Mapodise a Mochudi go ba thusa ditlhotlhomiso  morago ga gore a tlhabe yo mongwe ka thipa.

Mothusa Mookamedi wa mapodisi a Mochudi Rre Wazha Zambezi, o boletse gore  lekawana leo le le dingwaga di 18 le ne la tlhaba lekawana le lengwe, le lone le dingwaga di 21 ka thipa bosheng  go le kwa maitisong kwa dibareng tsa Masakeng.

A re morago ga tiragalo eo, ya nako ya lesome le motso bosigo, lekawana le le tlhabilweng le ne la tla go bega kwa mapodising mme a ragosediwa kwa kokelong. Rre Zambezi o ne a tlatsa ka gore  e ne ya re morago ga malatsi a mararo lekawana leo la tlhokafala.

A re e ne ya re beke e e fetileng moithuti yoo a isiwa fa pele ga ga mmakasetera go arabela molato wa polao mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile gore a tlhabe yo mongwe ka thipa.

Mothusa ramapodise a re ditlhotlhomiso tse ba di dirileng di supa fa go ise go nne le ntwa mo gare ga bobedi joo mme ba sa ntse ba batlisisa gore gare go ne ga tsena eng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Pego ya mapodisi

Date : 08 Apr 2014