Monna o atlholetswe dithupa
08 Apr 2014
Lekgotla la ditsheko la Setswana la motse wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le sa tswa go atlholela monna mongwe wa motse oo dithupa tse tlhano mo maragong ka molato wa bogodu.
Rre Bingo Otukile wa dingwaga tse di masome a mane o ne a pegiwa dithupa tseo morago ga go bonwa molato wa go utswa dipara tse pedi tsa ditlhako tsa itshireletso tsa lephata la ditsela la khansele ya Bokone Botlhaba.
Go bolelwa fa mosekisiwa a ne a bereka mo lephateng leo la ditsela e le modiri wa nakwana mme ditlhako di ne di le ka fa tlase ga tlhokomelo ya gagwe, ka jalo a di utswa mme a di rekisetsa bangwe mo motseng oo.
Morago ga go lemoga fa ditlhako tseo di seo, bagolwane ba lephata ba ne ba begela mapodise ka tiragalo eo mme mo ditlhotlhomisong tsa bone, Rre Otukile a tlhalosa fa e le ene a di tsereng mme a ba kaetsa kwa a di rekisitseng teng.
Rre Otukile o ne a ipona molato mo tirong e a e dirileng, ka jalo a kopa lekgotla go mo utlwela botlhoko ka a tlhokomela mosadi wa gagwe le ngwana wa gagwe yo mo nakong eno a leng motsetsi.
Fa a ntsha katlholo, Kgosi Nkgageng o ne a bolela fa molato o o dirilweng ke mosekisiwa o ka mo romela dingwaga tse tlhano mo kgolegelong, a re fela o tsere tsia boikuelo jwa gagwe le gore ke lantlha a dira molato wa go tshwana le oo.
Kgosi Nkgageng o ne a kgala mokgwa wa batho wa go utswa bogolo jang fa ba direlang teng, a re ba tshwanetse ba itse fa go na le ditlamorago tse di sa siamang, tse di akaretsang le gone go latlhegelwa ke tiro.
Ditlhako tseo, di ne tsa tsisiwa fa pele ga lekgotla e le bosupi mme lekgotla la laola gore di busediwe khansele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Tsheko
Date : 08 Apr 2014