Mosadi o ketekilwe
08 Apr 2014
Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe wa motse wa Ramotswa o robaditswe kwa kokelong morago ga go rengwa ke mokapelo wa gagwe ka selepe mo tlhogong.
Tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso fa bobedi joo bo ne bo ile maitisong a dino.
Se, se boletswe ke mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Mme Gabathusi o boletse fa mme yoo, yo o neng a bona dikgobalo tse di masisi, a sedilega kwa kokelong ya Bamalete Lutheran mo Ramotswa.
Mme Gabathusi o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
Mo tiragalong e nngwe, o boletse fa ba tlhotlhomisa kgang e mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro a ngatilweng ke segopa ka matlapa bosigo a tswa maitisong mo Ramotswa.
Mme Gabathusi a re segopa se se sa itsagaleng se, se ne sa roba mme yoo meno mme ba inaya naga.
A re mo ngwageng ono dipalo tsa dititeo di dintsi ka go setse go begilwe ditiragalo di le masome a mabedi le bone ka Tlhakole fa ka Mopitlo ba nnile le di le lesome le borobabobedi.
Mme Gabathusi o gakolotse setshaba go itshwara sentle le go ikgolaganya le ba ba lebaganyeng fa ba na le mathata.
A re batho ba ipabalele mo dilalomeng ka go tila go itisa mo lefifing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Katlego Gaobotse
Location : RAMOTSWA
Event : Pego ya mapodise
Date : 08 Apr 2014