Breaking News

Dikotsi tsa tsela di ama banana

08 Apr 2014

Mogolwane wa sepodisi sa pharakano Senior Superintendent Pelontle Kesupile a re, dipalo di supa fa banana ele bone ba ba amegang thata mo dikotsing tsa tsela.

Fa a bua mo bokopanong jwa kgwedi ya  bana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela,  jo bo neng bo tshwerwe ke ba Botswana National Youth Council le Motor Vehicle Accident Fund ka mafelo a beke, Senior Superintendent Kesupile a re,  e sale ngwaga o simolola , go diragetse dikotsi  di le 212 mme mo go tsone  di le 134 di ne di ama banana.

A re, ka 2012 le 2013, go tsweng mo palong ya dikotsi di le 1087 tse di tsamaelanang le  nnotagi, tse 728 di ne  di ama banana. Senior Superintendent Kesupile a re, magareng ga hirikgong le mopitlwe ngwaga ono, banana ba le 9 go tswa mo go ba ba 20 ba tlhokafetse ka ntlha ya dikotsi tsa tsela fa mo dingwageng tse pedi tse di fetileng  go tswa mo dikotsing  di le  237, di le 159 di ne di ama banana.

A re, dipalo di supa fa ipabalelo tseleng ele selo se setshaba se tshwanentseng go se tsaya tsia ka jalo batsaya- karolo botlhe ba tshwanetse go bereka mmogo go dirisa meamuso ya bone  go netefatsa matshelo a a botoka e bile a babalesegile mo ditseleng.

Rre Kesupile o galaleditse Botswana National Youth Council le ba Motor Vehicle Accident Fund mo go tshwaraganeleng go ruta banana ka pabalesego mo  ditseleng.
Mogolwane wa Northern Auto Service Centre, Rre Mphaphi Mathangwane  o gwetlhile banana go  tsisa tharabololo mo mathateng a dikotsi tsa tsela.

A re, go nna teng ga dikoloi tse di rekwang kwa mafatsheng a sele go okeditse dikotsi tsa tsela ka dikoloi tseo di le motlhofo go bonwa e bile di le tlhwatlhwa tlase. A re, go kgona go laola dikotsi tsa tsela,bakgweetsi ba tshwanetse ba tlhokomela dikoloi tsa bone le go fetola dithaere tse di rekilweng ka tsone.

A re, go botlhokwa go fetola dithaere tsa dikoloi tse ka gonne mogote wa Botswana o le  kwa godimo go gaisa wa mafatshe a dikoloi tse di tswang kwa go one. Mogolwane wa Botswana National Youth Council Rre Emmanuel Galeboe a re, bokopano jo,bo diretswe go kopanya batsaya- karolo le go fetola dikakanyo tsa banana tebang le dikotsi tsa tsela.

A re, bokopano jo, ga se go gagamatsa botsalano magareng ga batsaya- karolo fela  mme go tla ba fa  sebaka sa go tswa ka dikakanyo tse di ka thusang go itebaganya le bothata jwa dikotsi tsa tsela. Setlhogo sa tiro e, se ne se re, ‘Safer roads and mobility by 2020’. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : FRANCISTOWN

Event : Bokopano

Date : 08 Apr 2014