Merapelo e emisitswe kwa Okavango
08 Apr 2014
Merapelo e e neng e tshwarwetswe kwa sekolong se segolwane sa Okavango mo Gumare ka letsatsi la Tshipi, e ne ya emisiwa go fitlhelela ka nako e e tla bolelwang.
Mogokgo wa sekolo seo, Rre Ekubile Mmusinyane o boletse mo potsolotsong gore dikereke ka go farologana di simolotse go tshwara merapelo kwa sekolong seo fa e sa le kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi ale masome a mabedi le borataro.
Rre Mmusinyane a re, lengwe la mabaka a a bakileng go emisiwa ga merapelo eo ke go tlhoka go itemogela pharologanyo le pele merapelo e simolodisiwa.
A re, lebaka le lengwe ke gore ba kgonne go tsweledisa dithulaganyo dingwe tsa sekolo tse di neng di emisitswe ka nakwana, di akaretsa metshameko ya kgwele ya dinao go sutela merapelo, ka jaana paka ya metshameko e le gaufi mme ba ka tloga ba tlolwa ke dithuto tseo.
Fa e sa le merapelo e simolola kwa sekolong seo, dikereke ka go farologana di tshwara merapelo maitseboa mangwe le mangwe go leka go koba mo go dumelwang ele mowa wa ga saatane o o tlhorontshang bana mo sekolong seo.
Mogokgo gape o tlhalositse gore, mowa oo, o bakile tlhakatlhakano mo sekolong sa gagwe ka gore bana bangwe jaanong ba dirisa lebaka leo go sa tsene sekolo ka seipato sa gore ba tshaba go tsenwa ke mowa wa ga saatane.
Mogokgo o ikuetse mo batsading go bua le bana ba bone ka botlhokwa jwa thuto.
E ne ya re kgwedi e e fetileng mo phuthegong ya batsadi le barutabana, batsadi ba bana ba bone ba tsenang kwa sekolong sa Okavango ba tsaya tshwetso ya go kopa dikereke tse di farologaneng go ya go rapelela sekolo seo, morago ga ditiragalo dingwe tse di neng tsa fuduwa baithuti bangwe maikutlo tse go dumelwang ele tsa tumelo ya ga saatane.
Kwa phuthegong eo, barutabana ba ne ba rurifatsa fa baithuti bangwe ba inaakantse le mowa o go belaelwang ele wa ga Saatane mo sekolong seo.
Go bile ga tlhalosiwa gape gore barutabana ba le masome a mabedi le botlhano le bana ba le masome a mane ba tsentswe mo tumelong eo ke lekoko leo ntswa bone ba sa itse.
Go lebega sekolo sa Okavango se sa robalelwa ke ditlhokwa ka gore e ne yare ka ngwaga wa 2000 bana bangwe ba sekolo seo ba tlhaselwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo neng bo itsiwe ka leina la ‘hysteria’ jo bo neng bo amile bana ba basetsana bogolo jang.
Ka nako eo bana ba ba neng ba amilwe ke bolwetse joo ba ne ba itshupa ka go omelela ka ditshego, bangwe ba tlala bogale ba tshosetsa bana ba bangwe matshelo fa bangwe ba ne ba nna fela ka letsapa.
Bolwetse jwa ‘hysteria’, bo ne jwa ama bana ba ka nna masome a le mararo le botlhano mo lekgolong mme jwa goga dikgwedi di ka nna pedi go ya go tse tharo mo go neng ga pateletsa bagolwane ba lephata la thuto le bana-le -seabe go tswala sekolo seo lobaka la beke tse tharo.
Ba bongaka ka nako eo, ba ne ba tlhalosa fa bolwetse joo bo tshelanwa mme tharabololo ya jone e le go tswala sekolo ka nakwana go leka go kgaoganya bana go itsa kanamo ya jone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimure
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2014