Mogokgo o leboga Adopt - A- Person
08 Apr 2014
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kabelo Molefabangwe, o lebogetse lekgotla la Adopt-A-Person ka tshwaragano le sekole sa Maruapula go tswa Gaborone, go bo ba itlamile go tsholetsa maduo a sekole sa Malwelwe.
Rre Molefabangwe o ne a bua se ka mafelo a beke, mo moletlong wa go abela baithuti ba sekole seo dibuka tse di balwang le tse di kwalelang ga mmogo le dijo, o o neng o rulantswe ke bone ba lekgotla la AAP le ba Maruapula, e ntse e le nngwe ya ditsela tsa go kgaratlhela go tlhabolola baithuti.
A re o simolotse go direla kwa sekolong seo ka ngwaga wa 2012, a fitlhela maduo a baithuti ba sekolo seo ba lekwalo la bosupa a le kwa tlase ka e ne e le 28%, ka jalo a seka a ipona tsapa go lwa ka tsotlhe tse a nang le tsone ka tirisanyo mmogo e e mashetla le barutabana ba sekole seo.
A re ba ne ba bolotsa letsholo la go tsena ntlo le ntlwana ba kopa go thusiwa ke ope fela gore maduo a fetole tebego mme ka bolesego ba amogelwa ka atla tsoo pedi ke ba lekgotla la AAP ba e rileng go simologa mo ngwageng o o fitileng ba dira maitlamo a gore ba tlaa simolola go ema sekole seo nokeng go tlhabolola maduo a sone ba pataganye le ba sekolo sa Maruapula.
Rre Molefabangwe o boletse ka boitumelo jo bogolo fa seemo se tokafetse fela thata ka jaanong maduo a lekwalo la bosupa a sekole seo a supile kgolo ka e rile ngogola ka 2013 a bo a le kwa go 63.8%, mmogo le gone gore baithuti ba sekole seo jaanong ba kgatlhegela go tsena sekole ka palo ya bone e oketsegile go tswa kwa go 385 go ya kwa go 450, a bolela fa go tshaba sekole ga baithuti bangwe jaanong go eme, ka ba inaakantse le go se tsena ntle le bothata bope.
O boletse fa se se itumedisang le go feta e le gore fa e sale ba lekgotla leo ba ba thusa, baithuti ba na le kgatlhego fela e e kwa godimo ya go bala mmogo le gone go kgaphela ditlhong kwa thoko, go lebega jaanong lesedi le tsena mo go bone.
O ne gape a leboga le botsadi kwa lwapeng go bo le bone ba kgatlhegela go etela kwa sekoleng go ya go lekola tiro ya baithuti, selo se mogokgo a boletseng fa se ne se seyo.
Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa lekgotla la AAP, Mme Caroline Desai, o boletse fa ba dira se ka maikaelelo a go tlhabolola thuto mo dikoleng tsa dikgaolo ka ba lemogile fa go sa ntse go na le letlhoko le le ntsi teng.
A re gape le bone ba bone go tshwanela gore ba eme ka dinao go thusa mo serung se se wetseng lefatshe leno sa kwelo tlase ya maduo a baithuti ka jaana ntle le seabe sa bone e le ba makgotla a a ikemetseng, sepe se ka se kgonagale.
O boletse fa ba itumela fela thata go bona fa thuso ya bone e tswa mosola, a bolela fa mme segolo bogolo ba itumedisiwa ke go bona baithuti ba ba neng ba ntse ba tshaba sekole jaanong ba inaakantse le go se tsena, a kaya fa thuto e le mosola thata mo go tlhabololeng botshelo jwa motho.
Morutabana go tswa kwa sekoleng sa Maruapula, Rre Chabaesele Makoti, ene o ne a rotloetsa baithuti go tshwara ka thata mo dithutong tsa bone a bolela fa thuto e le yone e ka tsogang e ba buletse dikgoro tsa botshelo jo bontle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lillian Pelontle
Location : MALWELWE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 08 Apr 2014