Mekgatlho e thusa go aga bana
08 Apr 2014
Go tsosolosa mekgatlho e e tshwanang le wa masupatsela go ka thusa go kgapha banana mo mebileng le go ba rutuntsha go nna batho ba ba boitshwaro le tebelopele e e tsepameng.
E rile a buisa phuthego ya kgotla ka letsatsi la masupatsela kwa Shorobe bosheng, Kgosi Gaditshwane Mmutle a kgothatsa setshaba go rotloetsa banana go nna maloko a mekgatlho.
Kgosi Mmutle a re mekgatlho eo e ruta banana boitshwaro, go direla setshaba le gone go tlhokomela batsadi ba bone, ka e le sone se ba se rutwang mo mekgatlhong e. O ne a tlatsa ka gore bogologolo banana ba ne ba tlotla bagolo ka gobo go ne go na le mekgatlho e tshwana le mephato, e e neng e ba ruta boitshwaro jo bo eletsegang mo setshabeng.
Kgosi o kgothaditse batsadi go tlhama le go rotloetsa bana go tsena mekgatlho, a re se seka baka botsalano jo bo siameng mo setshabeng, a tlatsa ka gore mekgatlho ya selebego seo e thusa thata le mo ditirong tsa selegae.
Moeteledipele wa mokgatlho wa masupatsela a kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre James Pitseyagae, o kgadile thata magatwe a gore mokgatlho wa masupatsela o diela bana nako ya go ithuta, a re mokgatlho o ga o tseye bana ka nako ya dithuto.
A re mokgatlho wa masupatsela o tlotla thata ditshwanelo tsa bana, segolo bogolo jang mabapi le thuto e bile a supa fa o ruta bana boitshwaro jo bo maleba mo sekoleng le kwa gae gore ba tlotle bagolo ga mmogo le barutabana.
O tsweletse ka gore masupatsela a ruta bana dilo di tshwana le go somarela nako le go tsepama mo go se ba se dirang ka nako e ba e filweng mme a re go ka thusa bana mo dithutong tsa bone.
Pitseyagae o tsweletse ka gore bosupatsela bo ruta bana ditiro tsa mo gae ka go farologana ga tsone ebile bo rotloetsa tekatekano ka bana ba dira ditiro tse di tshwanang go sa kgathalesege gore a ke mosimane kgotsa mosetsana.
Fa a tswa la gagwe morutuntshi wa masupatsela e bile e le morutabana mo sekoleng se segolwane sa Maun Senior Secondary School, Rre Melodi Safe a re o lemoga fa mokgatlho wa masupatsela o sa tlhole o tsewa tsia ke setshaba ka kakaretso jaaka pele.
Rre Safe o kgothaditse thata batsadi ba bana ba ba eletsang go tsena mo mokgatlhong ope fela go ba fa thotloetso.
O weditse ka gore mokgatlho wa masupatsela o rotloetsa banana go tsena kereke ka a tlhalosa fa kereke e ba thusa go kgapha banana mo mekgweng e e sa siamang jaaka nnotagi le go ratana ba sale bannye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Apr 2014