Mabitla a bagaka ga a tlhokomelwe
08 Apr 2014
Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope o ngongoregile ka mabitla a mo go one go robetseng dikgosi le bagaka, a go bolelwang a tlhabisa ditlhong ka a sa teratelwa e bile a tlhogile ditlhare le tlhaga.
Kgosi o buile jalo mo potsolosong bosheng, gore mabitla ao a, a Mmalekwa kwa Kanye, a tlhabisa ditlhong thata ka go sena yo o kgathalang ka one. O boletse fa a sa ntse a dirisiwa mme a sa tlhokomelwe sentle.
O boletse fa kwa mafelong a mangwe mabitla a tlhokomelwa ke morafe le khansele, a gatelela seemo se se sa itumediseng sa mabitla a a reng ga a lebege jaaka a magosi.
Kgosi Malope o boletse fa a kile a leka gore a kopanye mophato wa gagwe mme ka maswabi bontsi jwa bone ele babereki ba ba sa nneng mo Kanye, jaanong go le thata go kopana sentle.
O kopile morafe wa Bangwaketse go ithaopa go bona gore mabitla a Mmalekwa a lebega sentle. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ba sa batleng maina a bone a bolelwa ba ngongorega thata ka fa mabitla a ntseng ka teng le mororo e le a bogosi le bagaka ba bogologolo ba ba neng ba tlhabolola e bile e le bogogi mo motseng wa Kanye.
Go bolelwa fa mabitla ao a fitlhile balaodi ba makgoa ba bogologolo, baruti, dikgosi, masole le baefengele ba nako eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2014






