Molaodi o gwetlha megokgo go ema ka dinao
07 Apr 2014
Megokgo e rotloeditswe go dira ka natla go tlhomamisa gore mananeo a puso a a tokafatsang matshelo a batho a a atlega.
Mafoko a, a builwe ke mothusa-molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba Rre Mooketsi Lesetedi fa a bua le megokgo ya dikole tse dipotlana tsa kgaolo eo kwa motseng wa Tshesebe bosheng.
Rre Lesetedi o gwetlhile megokgo go seke ba ikgogona mo ditirong tsa mothale o, a supa fa go le mo maruding a modirela-puso mongwe le mongwe go bona gore setshaba se akola mananeo a puso e ba a direlang.
“Ditiro tse ke tsa rona re le badirela-puso , ga di tlogele ope wa rona kwa ntle. Jaanong a re sekang ra ikgogona mo go tsone re re ga se tsa diofisi tsa rona,” a tshwaela jalo.
Rre Lesetedi o gateletse botlhokwa jwa mowa wa tshwaragano mo badirela pusong mo maitekong a go fetola matshelo a bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng.
Mafoko a, a ne a tla morago ga gore megokgo mengwe e supe fa ba sa itumelele tshwetso ya gore ba tsenye letsogo mo ditirong di akaretsa malatsi a thekiso ya dithoto tsa dikgwebo-potlana tsa mo metseng, malatsi a go dira ditiro tsa boithaopo ga mmogo le malatsi a go isa ditirelo tsa maphata a puso le makalana a a ikemetseng kwa bathong .
Bangwe ba megokgo ba ne ba supa gore e re le mororo ditiro tse di se di sha, bone ba ntse ba kgaphetswe ntle ba sa akarediwe ka tsela epe fela, ba re jaaanong ba ipotsa gore ba tsenyediwa eng mo go tsone tema e setse e segilwe.
E ne e rile pele ga dikakgelo tsa bagokgo, Rre Lesetedi a ba tlhalosetsa fa puso e dirile diphetogo mo go tshegediweng ga letsatsi la thekiso go tswa kwa gangweng ka kgwedi go ya kwa gangweng beke le beke.
O ne a supa gape fa puso e kopile bana-le-seabe botlhe go tsenya letsogo mo ditirong tsa malatsi a go dira ditiro tsa boithaopo ga mmogo le go isa ditirelo kwa bathong.
Fa a akgela, Mme Lesedi Gobela wa sekolo sa Nlapkhwane, o ne a supa fa ene sekolo sa gagwe se ntse se tshwere ka natla go direla setshaba sa motse oo, a tlhalosa fa tse tsotlhe ba ntse ba di dira ka bo bone ntle le thuso epe go tswa kwa bogoging jwa kgaolo.
O ne a supa fa go tsenngwa ga bone mo thulaganyong ya go goga go dirwa ga ditiro tse ba neng ba tsile go begelwa ka tsone go ya go kgoreletsa mananeo a bone ba ntseng ba nale one.
Mme Ndipo Mosweu wa sekolo sa Gambule, le ene o ne a bolela fa ba ntse ba kgaphetswe ntle nako e yotlhe, a supa fa bagogi ba metse ba akaretsa dikgosi le bone go bonala fa ba sena kitso ya se go tweng se tshwanetse sa dirwa.
Mme Mosweu o ngongoregetse go tlhoka go rutwa ka se tota seabe sa bone e tshwanetseng ya nna sone. A re, tsholofetso e e neng ya dirwa ke bagogi ba kgaolo ngogola ya gore go tla dirwa dithuto-puisanyo go tlhatlhelela maloko a dikomiti tsa badirelapuso (Village Extension Teams) ga e a tswa dipe.
A re, go tlhoka kitso ka se se solofetsweng mo go bone, go ya go ba ketefaletsa tiro, a tlatsa ka gore ba ka nna ba felela ba iphitlhela ba pholetha fela ba le mo tseleng e tota e bile ba sa tshwanelang go bo ba ka bo ba ne ba e tsere.
Go sale foo, bagokgo bangwe bone ba ne ba supa fa ba tlhwaetse tsebe mokgosi wa gore ba beye leitlho ditiro tsa go tlhabolola matshelo a batho mo magaeng a ba direlang mo go one.
Rre John Mmolotsi wa sekolo sa Matsiloje, o ne a tlhalosa fa bone ba setse ba sikile lefelo le thekiso e yang go direlwa mo go lone, a boa a supa fa ba dumalane gore thekiso e dirwe tsatsi le letsatsi e seng gangwe ka beke jaaka puso e laetse.
A re se se tla fa monni ope fela yo o nang le sepe se a eletsang go se rekisa sebaka sa go dira jalo ntle le go kgorelediwa ke gore gongwe letsatsi le a eleditseng go rekisa ka lone ga se lone le motse o le tlhomileng go dira theko le thekiso.
Le fa go le jalo, o ne a kopa gore ba sekasekelwe go fiwa badiri ba lenaneo la Ipelegeng ba le babedi go thusa mo go beeng leitlho lefelo la marekisetso.
Rre Mmolotsi a re, se se ka ba nolofaletsa go kwala dipego tse di amanang le ditiro tse di dirwang mo lefelong leo di akaretsa go tsaya dipalo tsa batho ba ba tlileng ka dithoto go tla go rekisa foo.
Mogokgo wa sekolo sa Pelotelele kwa motseng wa Shashe Bridge Mme Martha Mathumo, o ne a iteela legofi malatsi a thekiso a re , a thusa Batswana ba dikgwebo tse dipotlana go bona mebaraka ya dithoto tsa bone.
A re, malatsi a, a botlhokwa thata ka a tla thusa go tlhomamisa gore mananeo a puso a nyeletso lehuma a a atlega. Mme Mathumo o ne a supa fa le bone ba setse ba tlhophile lefelo le go tla rekisediwang kwa go lone.
Ba ofisi ya ga molaodi ba ne ba bua le bagokgo mo letsholong la go buisanya le banaleseabe botlhe mo kgaolong, go emelela ka dinao go bona gore seabe sa bone mo go fetoleng matshelo a Batswana ba itsholelo e e kwa tlase e nna se se bonalang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya baedirela puso
Date : 07 Apr 2014






