Go botlhokwa go isa malebo
07 Apr 2014
E re ka jaana setshaba se ne sa tlamega go lelala se kopa thuso kwa go Ramasedi go nesa pula morago ga gore lefatshe le phaphalale, go lebega batho ba itumelela ka fa ba arabilweng ka teng.
Setshaba se lemoga fa go le botlhokwa go isa melebo kwa go Ramasedi ka go bo kopo ya bone e arabilwe, ka jaana lefatshe le sa tswa go amogela dipula tse di namagadi.
Seo se tsweletse ka go itshupa ka jaana e ne ya re kgwedi eno ele malatsi a marataro, banni ba Moroka le dikereke tse di farologaneng tse di mo motseng oo, ba bo kokoane mo kgotleng, ba le moletlong wa go lebogela pula.
Fa ema morafe wa gagwe ka lefoko, Kgosi George Moroka o ne a re ka tshwanelo fa motho a kopile sengwe, e ka tswa e le mo mongweng kgotsa kwa Modimong mme a atlega, o tshwanetse a isa malebo.
A re ke ka moo a boneng go tshwanela gore banni ba Moroka ba ise malebo kwa Modimong morago ga gore le bone ba tsene mo ditlhapelong tsa go rapelela pula ngongola, a re gape o ne a leka go diragatsa kgakololo e e neng ya ntshiwa ke Tautona Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama ka nako e a neng a bolotsa letsema la gore go rapelelwe pula, ya gore go botlhokwa gore morago ga foo go isiwe malebo kwa go Ramasedi.
Kgosi Moroka a re Modimo ke seikokotlelo se se ikangwang ka dipaka tsotlhe, a re lefatshe le ne le phaphaletse, leruo le amilwe ke leuba, matamo le one a kgadile mme ba itela kwa go ene, ka jalo a araba ditlhapelo tsa bone.
Kwa moletlong oo, balemi bangwe ba ne ba abela Kgosi di-tswa tshimong tse di akaretsang ditloo, dinawa, magapu le ntshe, mme Kgosi o ne a tshepisa fa a tla kgaogana thobo eo le bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong mo motseng.
Kgosi Moroka o ne a leboga ba ba tsileng ka di-tswa tshimong, a re seo ke sesupo sa gore batho ba bone thobo e e nametsang monongwaga, a bo a supa botlhokwa jwa gore letsatsi leo le akarediwe mo lenaneong la ditiro tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga mo motseng oo.
Le fa gontse jalo, Kgosi o ne a re o maswabi go bo banni ba nnile maoto a tshupa go tsena moletlo oo.Mo go tse dingwe, Kgosi Moroka o ne a supa kamego ka barui bangwe, ba a boletseng fa ba sa kgatlhale ka go disa leruo la bone, a re le sailasaila gongwe le gongwe, bosigo le motshegare, a kopa batho go tlhokomela leruo le go tlhomamisa gore le lala mo masakeng ka dinako tsotlhe.
O ne a bo a gakolola morafe wa gagwe gore ope yo o tla fetsang go roba pele ga ba bangwe, a seka a tsenya dikgomo go ja letlhaka, a re ba tshwanetse ba ema go fitlhelela botlhe ba fetsa go roba.
Go sale foo, dibui gareng ga bone e le baruti ba dikereke tse di farologaneng tsa motse oo, ba re fela jaaka tautona, Kgosi Moroka o supile fa le ene a na le tumelo mo Modimong ka a ne a tla ka mogopolo wa go leboga pula.
Le bone fela jalo, ba ne ba supa thobaelo mabapi le dipalo tsa banni ba ba neng ba tsene tiro eo, ba rotloetsa morafe go nna o tlotla pitso ya Kgosi, ka e le yone fela tsela e e ka isang motse wa bone golo gongwe.
Moruti Elliot Sebego wa kereke ya New Apostolic Church o ne a re ka tshwanelo, banni ba ka bo ba itlamile go tlogela ditiro tsa kwa malwapeng mme ba tsibogela go tsena moletlo oo ka dipalo tse di Nametsang.
Mme Widzani Maganyambu, yo eleng MmaMookami mo kerekeng ya Bethlehem City of Christ Church Zion, e bile e le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Moroka, o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ipha matsapa a go thologa Kgosi mokgosi.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOROKA
Event : Phuthego ya go lebogela pula
Date : 07 Apr 2014






