Breaking News

Mosadi o falola ka bobi jwa segokgo

07 Apr 2014

Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro o falotse ka bobi jwa segokgo morago ga go tsenelelwa ke noga mo ntlong ya gagwe mo Tsabong.

Mme yoo, a re tiragalo e e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo ka nako ya boferabobedi mo maitsiboeng. O kaile fa a ne a itisitse le tsala ya gagwe mo phaposing ya borobalo fa ba tlaa bona noga eo. 

O kaile fa a ne a kua go kopa thusa mme baagisanyi ba mo tshologa mokgosi ka go leka go bolaya noga eo, mme ga retela ka e ne e lebega e le tona ebile e le borai. A re o ne a tshwanelwa ke goya kopa go latsa tlhogo kwa tsaleng ya gagwe ka go ne go le borai go lala mo ntlong eo.

Mme yo o kaile fa a belaela gore noga eo e tsene mo ntlong ka letlhabaphefo ka a ne a le bula mo lengweng la malatsi mo bekeng eo. A re o ne a ya go ikuela kwa go ba sepodisi le ba lephata la diphologolo ba ba ileng ba bolaya noga eo, e e neng e bifile thata mo letsatsing le le latelang.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga mo Tsabong, Rre Otlaadisa David, o ne a tlholosa fa noga eo e bidiwa ‘boomslag’, e e leng botala jwa tlhaga ka mmala, e bile ele borai thata ka go se motlhofo gore motho o  ka  tshela fa e mo lomile.

Rre David o ne a supa  noga eo e le nngwe ya dinoga tse di bogale e bile e kgona go budologa, a kaya fa gape e le noga e e palamang ditlhare e bile e tshwana le tsone le ka mmala mme o ka seke o e bone fa o se  kelotlhoko.

Kwa bofelong Rre David  o ne a kopa setshaba go tlhagola dijarata tsa bone, go tswala mabati le matlhabaphefo mo matlong a bone ka go le tlhaga e ntsi thata morago ga go na ga dipula tse di masetla tse di neleng mo ngwageng ono. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 07 Apr 2014