Breaking News

Barui ba rotloediwa go nna pelotelele

07 Apr 2014

Mothusa mokwaledi wa lephata la temo-thuo, Dr Moetapele Letshwenyo o kopile banni ba metse ya kgaolo ya Tati Botlhaba, e e ka kwa botlhaba jwa seporo, go nna pelotelele le go tsaya boikarabelo jotlhe mo go tlwaetseng dikgomo tse ba sa tswang go di amogela.

Dr Letshwenyo o ntshitse kopo eo, fa a buisa banni ba kgaolo eo, mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwaretswe kwa metseng ya Ramokgwebana, Tshesebe le Tsamaya kgwedi eno e le malatsi a mararo, morago ga gore banni ba bolele fa ba kopana le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe mabapi le dikgomo tse ba sa tswang go di busediwa.

Dr Letshwenyo a re barui bangwe ba santse ba nale kakanyo ya gore dikgomo tseo ke tsa puso, mme fela ba tshwanetse ba itse fa jaanong e le tsa bone, a tlatsa ka gore e re le ntswa go di tlwaetsa e le tiro e e bokete, ba tshwanelwa ke go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go di tlwaetsa tikologo e ntsha eo.  

Metse eo, ya kgalo ya Tati botlhaba e mo tikologong e e neng ya amega mo tlhagogong ya bolwetsi jwa tlhako le molemo mo Zone 6 ka ngwaga wa 2011, mme dikgomo tsa bone tsa bolawa go leka go laola kanamo ya bolwetsi joo.

Mothusa mokwaledi  o rile, leruo fa le tswa kwa lefelong le sele, go tsaya nako gore le tlwaele tikologo e le gorogelang mo go yone, mo le felelang le aparwa ke mathata mangwe a a neng a umakiwa ke banni ba kgaolo eo.

O tladitse ka gore kgomo e ka tswa e le morobanyana kgotsa e le tonanyana, fa e goroga mo tikologong e ntsha e kgona go kailakaila fela, mme e felele e tsamaya mosepele o mo telele e sa itse kwa e yang teng.

Dr Letshwenyo a re, dikgomo tseo le tsone, di kopane le dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang mosepele o mo telele wa go tswa kwa di neng di rekiwa teng, go itlwaetsa phulo le malwetsi a tikologo e ntsha, a re mme phelelong di tla tlwaela.

O tsweletse a re, e re ka jaana banni ba ngongorega thata ka go swa ga dikgomo tseo, fela ga ba a tshwanela go di tlhoboga, mme ba pepetletse tse di santseng di tshela.

A  re, go mo maruding a barui go tlhomamisa gore ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go tlhokomela dikgomo tseo ka go di kenta le gone go di tlwaetsa tikologo mmogo le go latedisa tse di ka tswang di ineile naga.

Mo go tse dingwe, Dr Letshwenyo o  tlhalositse fa lephata la gagwe le simolotse go thusa balemi ka go lwantsha mhero ka tiriso ya tshefi, a re, mme go lebega balemi ba sa sola molemo thulaganyo eo.

O kopile balemi go dirisa thulaganyo eo mo temong ya paka e e tlang, a re fela ba tshwanetse ba itse fa e dirisiwa mo temong ya go lema ka ditselana.

O ba rotloeditse go lwantsha mhero ka o jela dijalo dikotla, mo di felelang di sa gole sentle. E ne e rile gole pele banni ba metse e e akaretsang go tswa kwa  Jackaclas No 1 go wela kwa Jackalas No 2,  ba tlhalosa fa dikgomo tseo di lwala e bile di swa ka dipalo tse di tshwenyang, ba bolela fa seo, se tla ba bakela lehuma la nta ya tlhogo,

Ba boletse gape fa dingwe tsa dikgomo tseo di siya, mo ba felelang ba palelwa ke go di laola, bangwe ba tlhalosa fa mo nakong eno, ba latlhegetswe ke di le mmalwa mme le jaanong jaana ba sa itse kwa di leng teng.

Kwa motseng wa Tsamaya, banni ba motse oo, le e e mabapi ba buile ba mmene phatla,  ba re, ba sale ba ikuetse ka mathata ao mme go se thuso epe e ba e fiwang.

Ba re,  mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi o kile a tla go buisa phthego koo mme ba mo rolela matshwenyego a bone.

Ba re, ba ne ba solofetse fa Rre Letshwenyo a ba tlela dikarabo tse di botoka tebang le dilelo tsa bone, mme ba swabile nko go feta molomo ka a sa tla ka dikgang dipe tse di arabang dilelo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 07 Apr 2014