Breaking News

Ba rotloeditswe go lema mabele

07 Apr 2014

Mongwe wa bagolwane ba selemise go tswa kwa Letlhakeng, Mme Semakaleng Mosweu o kopile balemi ba kgaolo ya Monwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go ganelela thata kafa temong ya mabele ka jaana dipatlisiso di supile fa a dira botoka gona le dijalo tse dingwe jaaka mmidi le dinawa.

E rile a bua kwa letsatsing la go lekola balemi, Mme Mosweu a re ke sone se puso e tsereng tshwetso ya go fa kgaolo eo dipeo tse dintsi tsa mabele gona le tsa dijalo tse dingwe, mme a supa lesokolela ka a re balemi ba kgaolo eo ba lebega ba santse ba ganelela thata ka fa mmiding le ntswa mabele a na le theko e ntsi go na le mmidi.

Mme Mosweu a re mo nakong ya gompieno ba tshwaragane le go lekeletsa mefuta ee farologaneng ya mabele jaaka la PAN 606 go leka go batlisisa oo ka dirang botoka mogo e mengwe, mme a re se se tla thusa kgaolo ya Kweneng go tokafatsa thobo.

O ne a nankola mehuta ya mabele e tshwana le segaolane le sephala a re ke mengwe ya ee dirang sentle mo kgaolong ya Kweneng.

Mme Mosweu o ne gape a gakolola balemi go tlhagolela dijalo tsa bone le go dirisa menontshane go tokafatsa thobo. Mme Mosweu o ne a gape a gakolola balemi go kwadisa thobo ya bone mogo ba selemise ka jaana seo seka thusa lefatshse leno go ikala gore le ntsha dijo tsa selekanyo se se kae.

Modula setilo wa komiti ya balemi ya motse wa Monwane, Rre Tlotlo Nnnini o ne a ngongorega ka tlhaelo ya peo le diterekere mo kgaolong ya bone a re ke yone kgwetlho e tona ee ba itsang go lema ka natla.

Rre Nnini o tlhalositse fa tlhaelo ya dipeo e dirile gore balemi ba ba neng ba na le maikaelelo o a go lema ba fiwe dipeo dise kae fela, mme se sa dira gore palo ya diekere tse di lemilweng mo kgaolong e wele kwa tlase gona le jaaka bane ba ikaeletse.

A re mo ngwageng ono wa temo balemi bale 340 ba kgonne go lema diekere dile 1600, selo se a reng se kwa tlase thata fa a lebile bokgoni ja kgaolo eo.

A re bontsi ja nako dipeo di tla thari mo kgaolong, mme se se felele se dira gore batho ba lemele morago, mme o ne a tlhalosa gape fa bo raditerekere ba ngongorega gore ba duelwa thari ka jalo thelelo ya temo e ketefale ka ba sokola go reka leokwane.

Rre Nnini o ne gape a kgotlhatsa balemi ka ene go tsaya temo ka tlhwaafalo ka jaana e ka ba namola lehuma le go ikaega ka puso.

Mongwe wa balemi, Me Olebogeng Matleelane wa Monwane one a lebogela ba selemisi ka thuto ya bone ee sa kgaleng, a re e botlhokwa fela thata mogo rotloetseng balemi.

A re bangwe ba balemi mo kgaolong ya bone ba nna ba isiwa kwa dithutong tsa temo go ikoketsa dikitso, a re selo se ke sone mmang-mang mogo rotloetseng balemi go dira ka natla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsi la go lekola balemi

Date : 07 Apr 2014