Breaking News

Kgosi Moilwa o bolokilwe

07 Apr 2014

Kgosi Ralenki Moilwa wa Mogobane yo o tlhokafetseng kgwedi ya Mopitlo e tlhola masome a mabedi le borobabongwe, o bolokilwe ka Matlhatso. Mogobane.

Dibui ka go farologana di kaile Kgosi Moilwa e ne e le senatla gape a le bonolo, mme a nna a tlhomile tiro ya go etelela morafe kwa pele. Kgosi Moilwa e ne e le morwa Rre Robert Mokolare le Mme Digopane kwa kgotleng ya  goora Moilwa kwa Mogobane, mme o tshotswe  ka ngwaga wa 1941, kgwedi ya Mopitlo e tlhola masome a mabedi le botlhano gone kwa motseng wa Mogobane.

Kgosi o diretse kwa meepong ya Aferika Borwa mme morago a boela gae kwa a fetileng a ithutela tiro ya boagi, mme o ne a thapiwa ke khansele ya Borwa Botlhaba.

Erile ka ngwaga wa 1997  morafe  wa Mogobane o  ne  wa  roma  Kgosi Moilwa go ba etelela pele e  le kgosana yo o sekisang gape a eteletse pele ditiro  tsa ngwao,  mme  e ne  e le  leloko  le  letona  la  lekgotla  la  Men Sector.

O  tsene  mo  nyalong  e  e  boitshepo  le  Mme  Lady  Moilwa   mme  ba  segofadiwa ka bana   ba  robabobedi,  banna  ba le  bane  le  basadi  ba  le  bane. Kgosi   Moilwa  o tlogela  mohumagadi, barwa ba  le  bararo  le  barwadi  ba  le  bararo, dingwetsi  tse  pedi,  dikokomane  diferabobedi,  kgaitsadie le  bana  ba gagwe  ba  le  bane.

Erile  a tswa  la  gagwe, mopalamente wa kgaolo  ya Borwa  Botlhaba, Rre Odirile Motlhale, a bolela fa Kgosi Moilwa e ne e le motho yo o botlhale thata, ka a ne a ithutile thata  go  reetsa.

O gakolotse   gore   batho  botlhe ba  tshwanetse  go  gakologelwa  gore go  na  le  yo  o  ba tlhodileng,  ebong Jeso Keresete, mme  ka  jalo  e tla  nna  ene  gape a  ba  tsayang  ka nako ya  gagwe.

Mopalamente o gakolotse  batho  go  itlwaetse go itlhatlhobela malwetse  ka  go farologana, eseng fela  fa  ba sa ikutlwe sentle. Mothusa  kgosi  ya Balete  Kgosi Tsimane  Mokgosi, o  boletse fa  Kgosi Moilwa  a  dirile  tiro   ya  gagwe  mo  lefatsheng, a  e  tshwaraganetse  le  mohumagdi  wa  gagwe.

O  boletse fa go kgobokanela  kwa  lelwapeng  la  ba  ba  tlhokafaletsweng, go  ba gomotsa le  go  fitlha  e  le  ngwao,  ka  motho a  sa latlhiwe fa a tlhokafetse.

Kgosi Mokgosi  o  kaile  gore  fa  batho  ba  sa  tsamaye  mo  tseleng  ya  ngwao,  ba  leswafatsa  tikologo, a bo a kopa  Balete  go  kgobokanela  kwa  kgotleng  kgolo  ya gaMalete  ka  le  le latelang,  go  ya  go  lebogela  pula. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Tirelo ya phitlho

Date : 07 Apr 2014