Ba Taung ba lebile tsela
07 Apr 2014
Banni ba Taung gaufi le motse wa Ramotswa ba tla nna ka tsholofelo ya gore lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo le tlaa araba selelo sa bone sa letlhoko la dipalamo tsa setshaba.
Se, se tla morago ga gore ba ikuele kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama mo bekeng e e fetileng ka Labone, Moranang a tlhola malatsi a mararo kwa motseng oo.
Banni ba re motse wa bone o tlhaelelwa ke dipalamo tsa setshaba fela thata ka dibese tse di tswang kwa Ramotswa di tsena kwa motseng oo di setse di tletse.
Ba re se, se baka gore ba goroge morago ga nako kwa ditirong, mme e bile gape se baya matshelo a bone mo diphatseng bosigo ka ba tlamega go tsamaya mesepele e melele.
Fa a ba kgwa kgaba, mogolwane go tswa kwa lephateng la meselepe le ditlhaeletsanyo, Mme Onalenna Sechele, o ne a kopa banni go nna ba letile.
A re lephata la gagwe le sekaseka gore batho ba Taung ba ka thusiwa ka mokgwa ofe, mme ebile o ne a kopa bo radikgwebo go tsenya dikopo tsa dibese tse di tla simololang mosepele kwa motseng wa Taung.
Ya re go utlwa se, tautona a kaya fa lephata le tsere nako go tsibogela kopo ya banni ba motse oo. A re ga se mo motseneg oo fela, mme a re ene o bona gole botoka thata gore lephata le fe diteseletso tsa dipalamo tsa setshaba mme bagwebi ke bone ba tlaa ikatlholang.
Tautona a re fa ele gore boradikgwebo tsa dibese ba batla go direla mo tseleng ya Taung-Gaborone, ke tshwetso ya bone eseng ya lephata. “Rona rele goromente re tswanetse go laola kwa ba phekang teng, re seka ra leka go laola dipalo tsa dibese,” Tautona Khama o ne a tlhalosa.
Tautona o ne a tshepisa baagi ba motse wa Taung fa a tla isa maikuelo a bone kwa go tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo go rarabolola seemo se.
Banni ba motse oo gape ba ne ba lela ka dituelo tsa metsi ba re di kwa godimo fela thata, mo dipaledisang maiteko a temo ya merogo a nyeletso lehuma. Le fa go ntse jalo, mogolwane go tswa kwa Water Utilities Corporation, Rre Kenny Labane o kaile fa ditueleo tsa metsi mo lefatsheng leno di se kwa godimo.
O ne a tlhalosa fa ele ba WUC ba lekile go rerisanya le batho ba ba filweng mananeo a nyeletso lehuma mme ba kgaoletswe metsi go rarabolola seemo.
A re ba fitlhetse ele gore, banni ba ntse ba sa duele metsi ka jalo melala ya go tlhoka go duela ene ya gola phetelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bonang Masolotate
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Apr 2014






