Kgweetsang ka kelotlhoko
06 Apr 2014
Bakgweetsi ba kopilwe go ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso a paseka aa tlang ka go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle go ka tsamaya mesepele e meleele.
Kopo e e dirilwe ke mookamela mapodisi a Middlepits Superintendent Moses Chibamo mo potsolosong le ba BOPA.
Superintendent Chibamo o ne a tlhalosa fa gantsi nako ya malatsi a boitapoloso diphuthego tsa dikereke tse di farologaneng ba tsaya mesepele go phuthaganela golo go le gongwe ba rapela ba le mmogo fa bontsi jwa batho bangwe ba ya magaeng a bone go ya go lekola ba masika.
O ne a kaya fa go le botlhokwa gore bakgweetsi ba tlhomamise gore dikoloi tsa bone di mo seemong se se siameng ka seo ka se seka thusa thata mo go fokotseng dikotsi tsa tsela di ileng magoletsa mo lefatsheng leno.
Rre Chibamo o kaile fa ka nako ya malatsi a boitapoloso bontsi jwa batho ba itumela ka ditsela tse di sa siamang ka bangwe ba itontela majalwa go akarediwa le bone ba kgweetsa ka le bone ba felela ba kgweetsa ba nole bojalwa phetelela.
A supa fa go dira jalo go le borai ka go ka baka dikotsi.
Superintendent Chibamo o supile fa mapodisi mo kgaolong eo ba setse ba simolotse go dira dikganedi tsa tsela go fitlhelela malatsi a boitapoloso goroga.
Are nngwe ya dikgang tse ba tshwenyang ke bakgweetsi ba ba ikgatolosang molao wa tsela ka go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng, a kaya fa ba setse ba o lebisitse bakgweetsi ba le batlhano molato oo mo tseleng ya Tsabong-Bokspits.
Mookamela mapodisi a Middlepits o ne a gatelela thata a ba a kopa bapalami go nna le seabe ka go gakolola bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka seo seka thusa thata go fokotsa dikotsi tse di diragalangmo lefatsheng leno.
O ne a gakolola gape bakgweetsi go nna le boitshwaro jo bo eletsegang ka go dirisana le mapodisi sentle le gone go obamela matshwao a tsela ka nako tsotlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 06 Apr 2014






