Breaking News

Banana ba serinane ba kgothetse

06 Apr 2014

Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi ebile ele motsamaisa mokgatlho wa TeensTalk, Mma Christinah Hambira o gakolotse baithuti go ikamogela morago ga go dira phoso mme ba tseye dikgakololo ka tlhwaafalo, a tlhalosa fa seo sele botlhokwa go tokafatsa botshelo jwa motho.

Mma Hambira yo eleng morutabana kwa sekolong se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole a re, mo botshelong dikgetlho di tla ka go farologana mme Batswana ba tshwanetse go itse fa thuto e boswa jo motho a ka se bo amogweng ke ope.

O boile jalo kwa thuto seka dipuisano le kabo dimpho, e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa TeensTalk, mokgatlho o o tlhamilwe ke baithuti ba ba nang le bana kwa sekolong sa Kgari Sechele.

Baithuti ba Kgari Sechele ba ne ba phutha dilwana tsotlhe tse di santseng di ikutlwa mme di kile tsa aparwa, ele tsa bana kgotsa bagolo go di abela banni ba motsana wa Serinane le go arogana mapaki a bone nabo.

Mma Hambira o tlhalositse fa ba bone botlhokwa jwa go tlhama mokgatlho oo ka ngwaga wa 2012, ka lebaka la gore bontsi jwa bana ba tswa mo dikolong ka ntlha ya boimana mme ba bangwe ba seke ba tlhole ba boela dikolong.

“Maikaelelo a TeensTalk club ke go fa baithuti ba ba nang le bana sebaka sa go bua ka dikgetlho tse ba di ralalang le go kgothatsa barwarrabone go boela sekolong. Le go tswa ka methale ya go thusa gore moithuti yoo a tswelele le dithuto a sa kgoreletsege,” Mma Hambira a tlatsa.

Fa mooki wa kokelwana ya Seninane, Rre Frank Molopo a tswa la gagwe o ne a akgola baithuti ba Kgari Sechele go bo ba tsile go arogana bopaki jwa bone le banana ba Serinane a tlhalosa fa ba wetswe ke leru le le ntsho la bana ba ba tlogelang sekolo ka ntlha ya boimana mo motseng oo.

Rre Molopo a re bontsi jwa bana bao ba tlogela sekolo go simolola fela ka se se potlana, a tlhalosa fa seo se le diphatsa mo botsogong jwa bone ka mebele ya bone ea bo e ise e nonofele go tshola ngwana.

O ba tlhagisitse gape gore mme yo o tshabelelwang ke malwetse a dikobo o oketsa menyetla ya go tsenwa ke bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo a rotloetsa baithuti go ikgapha mo tlhakanelo dikobong.

Leloko la TeensTalk, Ndaba Ramarea o ne a gatelela botlhokwa jwa go boela sekolong jaaka ene a dirile asena go tshola ngwana.

Ramarea a re seo se botlhokwa ka gore moithuti wa go nna jalo o abo a direla ngwana wa gagwe bokamoso.

“Nna ke ne ka amogela gore ke mmaagwe mongwe mme ka boela sekolong ke sena sepe le ditlhong ka ke itse gore batho ga ba ke ba emisa go bua,” Ramarea a kgothatsa.

Mongwe wa ba tsena thutho seka dipuisano eo, Segametsi Molaodi yoo dingwaga tse di lesome le boferabobedi a re o kgothetse thata go boela sekolong ebile o tla sala a ikopanya le mmaboipelego go mo thusa ka ditsamaiso tsa go boela sekolong.

“Ke kgothaditswe ke mapaki a bana ba Kgari Sechele. Ke lemogile botlhokwa jwa go tsena sekolo ebile ke dumela gore ke dirile phoso ka go tshola ngwana ke ise ke fetse mophato wa boraro,” Molaodi a bolela.

Fa a tswala, Mmaboipelego wa Serinane, Masego Sabata a re mo baneng ba ba neng ba dule sekolo mo Serinane ka ntlha ya go ima, ba le batlhano go tswa mo go le ba le lesome le boferabongwe ba setse ba thusitse go boela sekolong.

A re ke kgwetlho mo motseng wa gagwe ka gore ga gona ba ba salelang bommabana le bana le gone go tlhoka dikolo tsa bana go oketsa morwalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Bokopano jwa baithuti

Date : 06 Apr 2014