Breaking News

Makhanselara a intsha setlhabelo

06 Apr 2014

E rile morago ga pulo semmuso ya mmolo wa maphatsi phatsi  wa Mongala mo Kanye beke e e fetileng, makhanselara a kgaolo ya Borwa a nna le keletso  e tona ya go bula dingwe tsa ditlhabololo tsa bone tse di ntseng di le teng di bereka mme di ise di bulwe semmuso.

Ba boletse  jalo mo bokhutlong ja phuthego ya  khansele e e neng e kopane beke e e fetileng, Makhanselara a re, a batla go bula ntlo lohalahala ya bone (Tomela Chamber) e ba ntseng ba tsena diphuthego  mo teng dingwaga tse tlhano tse di fetileng.

Ba boletse fa ba batla go bula ntlo lohalahala eo ka boithaopo ja bone, puso e sa ntshe le fa e le thebe.

Makhanselara ka bongwe ka bongwe ba ne ba solofetsa go ntsha diabe tsa bone,  mme madi a a solofetsweng go tswa mo bangweng ba bone ke  P42 000. Dingwe gape tse di solofetsweng go ntshiwa di akaretsa; dikgomo di le supa, dipudi  di ferabobedi, dinku tse tharo,  dikhilokereme di le lekgolo le botlhano tsa nama ya koko le kgetsi ya dinawa.

Mo teng ga madi a a solofetsweng go ntshiwa modulasetilo Rre Leach Tlhomelang o solofeditse go tswa P10 000, fa mothusi wa gagwe Lt.Col. Fairbridge Pule ene a solofeditse P5 000.

Dimpho tse tsotlhe di solofetswe go ntshiwa kgwedi ya Moranang e ya fifing, morago  go rulaganngwe letsatsi la pulo.

E rile fa a tswala khansele modulasetilo Rre Tlhomelang, a rotloetsa makhanselara go nna ba itlhatlhobela malwetse a a bofitlha jaaka ja madi a matona, sukiri le kankere, a bolela fa  a le borai thata mo morafeng e bile a feditse batho go gaisa le jone ja AIDS.

Rre Tlhomelang o ba rotloeditse gore ba etele dikokelo le fa ba sa lwale go bona gore a malwetsi a, ga  ise a ba tsene ka gore ga a ke a itshupa motlhofo mo mothong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 06 Apr 2014