Breaking News

Boitshwaro jwa baithuti ga bo itumedise

03 Apr 2014

Bogogi jwa dikole tsa motse wa Lerala jwa re ga bo itumedisiwe ke boitshwaro jwa bana ba ba tsenang mo dikoleng kwa motseng oo.

Fa ba bua kwa phuthegong e e neng e tshwerwe go rerisanya le bogogi jwa motse ka tse di amang thuto bosheng, ba boletse fa bana ba sekole ba setse ba dule mo taolong gotlhelele ka jalo ba bone go tshwanela go tshwaraganela se le bogogi jwa motse.

Morutabana yo o itebagantseng le go betla boitshwaro jo bontle mo baneng kwa sekoleng se segolwane sa Lerala, Rre Jimmy Rampape o boletse fa mo sekoleng sa gagwe go setse go dule bana ba sekole ba le masome a mabedi fa e sale ngwaga ono o simologa.

A re mo baneng bao, go na le bana ba basetsana ba ferabobedi ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana fa ba le lesome le bobedi ba dule mo sekoleng go sena mabaka ape.

A re bana ba ba duleng mo sekoleng ntateng ya boimana ba akaretsa ba ba dirang mophato wa ntlha, bangwe ba dira wa bobedi fa bangwe ba dira wa boraro.

Rre Rampape a re go ngomola pelo ka bana bao e le ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro mme ba le babedi mo go bone ba le dingwaga di le lesome le boraro.

A re mo baneng ba ba tlogetseng sekole, go ne ga dirwa maiteko otlhe a go ba busetsa mo sekoleng mme ga retela. A re batsadi ba bana bao ba ne ba latelwa kwa malwapeng kgotsa kwa ba leng ga buisanngwa le bone mme fa gongwe ba felele ba isiwa kwa go mmaboipelego mme ga pala.

Rre Rampape a re se se utlwisang botlhoko bangwe ba bana bao ba kgona go fitlhelwa ke barutabana ba na le batsadi ba bone ba dira ditiro mo lwapeng mme batsadi ba sa ba rotloetse go ya sekoleng.

Ka jalo a re motsadi ga a a tshwanela go laolwa ke ngwana mme o tshwanelwa ke go bontsha ngwana tsela ya boammaaruri. A re gobo batsadi ba kgona go nna fela le bana mo lwapeng ba sa ba rotloetse go ya dikoleng go ne ga ba tlama e le bogogi jwa dikole go buisanya le bogogi jwa motse.

A re bontsi jwa batsadi ga ba tsenye letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka bontsi jwa nako ga batle bokopanong jwa batsadi le barutabana.

O ne a tswelela a re bothata jo bongwe jo ba tshwaraganeng le jone ke jwa go dirisa ditlhapa thata ga bana ba sekole.

A re ba tsaya nako e ntsi ba letlanya kana ba kgalema bana ntateng ya go dirisa matlhapa ka jalo o ne a ikuela mo batsading kana batlhokomedi ba bana go emisa go go dirisa matlhapa fa pele ga bana.

Fa a bua ka dikole tse dipotlana mogokgo wa sekole se sepotlana sa Lekadibeng gone mo Lerala, Mme Phorego Motsokono o boletse fa ba itemogetse fa bana ba lekwalo le le kwa godimo ba sena keletso gotlhelele mo dithutong tsa bone.

A re ba itemogetse gape gore fa ngwana a dirile phoso kwa sekoleng, ntateng ya gore batsadi ba tshwaragane le barutabana ba kgaleme bana ba nna ka fa tlhakoreng ya ngwana ba tshwaya barutabana phoso.

A re bontsi jwa bana ba nna ba le nosi ka batsadi ba nna nako e ntsi kwa masimo fa bangwe ba direla kwa dipolaseng mme seo se na le seabe se setona mo dithutong tsa bana.

Fa a ntsha la gagwe mogokgo wa sekole sa ithutelo diatla sa Tswapong Bokone brigade Rre Cornelius Matlhare o boletse fa sekole sa gagwe le sone se wetswe ke seru sa go tlhoka tsebe ga baithuti.

A re ba itemogetse fa bontsi jwa baithuti kwa sekoleng sa gagwe ba kgona go fetisa malatsi a le mantsi ba sa tsenelele dithuto mme ba le teng mo motseng wa Lerala.

O boletse fa bangwe ba felela ba tlogela sekole go sena mabaka ape mme ba bangwe ba itshiela dino phetelela fa bangwe ba goga metsoko e mo dinakong tse dingwe ba kgonang go nna le dipelaelo tsa gore ba e tlhakanya le ditagi di tshwana le motokwane.

O ikuetse mo batsading go tshwaragana le barutabana go tsenya bana mo taolong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 03 Apr 2014