Breaking News

Monna o bolailwe kwa Tutume

03 Apr 2014

Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a supa le borobabobedi wa Makuta, mo kgaolong potlana ya Tutume, a tlhokafatseng morago ga go itewa ka molamu ke rre mongwe wa dingwaga tse di masome a marataro le bone gone kwa  Makuta.

Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana o boleletse BOPA fa borre bao ba ne ba tlhoka kutlwisisano mme mongwe a felela a iteile yo mongwe ka molamu.

O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse mo lelwapeng ka nako ya maitseboa ka Mosupologo. Rre Nkhwanana a re ba ile ba ragosetsa rre yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse.

O boletse fa setopo se le kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka.

O ile  a  tlhalosa fa ba tshegeditse rre yoo wa dingwaga tse di masome marataro le bone go ba thusa mo ditlhotlhomisong.

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Pego ya mapodisi

Date : 03 Apr 2014