Dikole tsa Gaborone ga di dire sentle
03 Apr 2014
Dikole tsa Gaborone di tsweletse ka go sa direng sentle, le fa ntswa dile mo lefelong le le nang le ditlamelo.
Fa a buisa makhanselara ka seemo sa thuto mo kgaolong ya borwa bosheng, mogolwane wa thuto, Mme Johannah Van Wyk a re , dikole tse di mo Gaborone ga di ntse maduo a a kgotsofatsang.
A re, mo dikoleng tse di kgolwane, sekole sa Gaborone se se neng se dirile sentle ka 2012, se ile tlase go tswa mo go 41% go ya kwa go 28%, fa sa Naledi se okeditse fela ka ntlha go dira 42%. O tsweletse a re, sekole sa Ledumang ke sone fela se se okeditseng go tswa mo go 28% go ya kwa go 31%.
A re, dikole tse di mo Gaborone ga di dire go tlala ka diatla fa di tshwantshanngwa le tse di kgakala le ditlamelo jaaka tsa Maun le Masunga. A re, go nnile le kwelo-tlase mo dithutong tsotlhe fa e se fela mo go tsa kapei le tlhokomelo ya lelwapa (home economics), temo- thuo le moopelo.
Fa go tla mo dikoleng tsa magare, a re, le fa sekole sa Moselewapula e ne ele sa bobedi se se dirileng sentle mo lefatsheng morago ga sa Orapa, bontsi jwa dikole mo Gaborone ga di a dira jaaka go tshwanetse.
Mma Van Wyk a re, mo dikoleng tse di potlana, sekole sa Ledumang se okeditse go tswa mo go 88% go ya kwa go 100%, se salwa morago ke sa Masa, Lesedi, Galaletsang le Ben Thema ka 90% le go feta.
A re kwa mogatleng ke sa Therisanyo ka 50%. O tsweletse a re, dikole tse di potlana mo kgaolong ya borwa di pasitse ka 81% fa di tshwantshanngwa le tsa bokone tse di eleng 82%.
A re,dikole tsotlhe di tlhokana le go elwa tlhoko le fa ntswa tse dingwe di dirile sentle. A re, batsadi ga ba tseye tsia maduo a bana a sekole.
A re, go baakanya seemo se, kgwedi le kgwedi batsadi le barutabana ba tshwanetse ba ela tlhoko bana ba ba sa kgoneng go bala le go kwala gammogo le ba ba sa direng sentle, ba bo ba tsaya kgato .
Makhanselara ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore seemo sa thuto mo lefatsheng se ile tlase fela thata mme ba re, sengwe se tshwanetse sa dirwa.
Mokhanselara Ephraim Mabengano a re, go simolola ka ngalo ditiro ya badirela puso ya 2011, go nnile le kwelo-tlase ya maduo mo dikoleng ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 03 Apr 2014






