Tlhaelo ya baoki e babalela balwetse
02 Apr 2014
Go nna le mooki a le mongwe kwa Malatswai go baya balwetse ka fa mosing.
Banni ba motse ba supile matshwenyego a, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa- tona wa lephata la botsogo, Dr Gloria Somolekae, bosheng.
Matshwenyego a, a simolotswe go begwa ke Kgosi Ketsieditswe Bosigo mo mafokong a kamogelo. Kgosi Bosigo o tlhalositse fa go nna le mooki a le mongwe go kgoreletsa gore morafe o bone ditlamelo tsa botsogo sentle.
A re go kgona gore e re mooki a santse a thusa balwetse, go bo go tla molwetse yo o gateletsweng thata, mme a bo a patelesega go tlogela ba bangwe go mo ragosetsa kwa kokelong e kgolwane mo metseng e mengwe jaaka Serowe.
Mo godimo ga moo, a re, ka mooki a nale thulaganyo ya go isa ditlamelo tsa botsogo kwa merakeng le kwa dipolaseng, nako tseo balwetse ba ba tlhokang thuso ba sala ba le mo mathateng.
O tladitse ka gore mooki yo, ga a tshaise ka balwetse ba kgona go mo tsosa bosigo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Kenakgang Makeshane, le ene o ne a iteela mafoko a ga kgosi kobo moroko , a tlhalosa gore fa mooki a isitse ditlamelo kwa merakeng le dipolaseng, batho ba ba mogae ba ba batlang dithuso tsa botsogo ba sala ba sa thusiwe.
Rre Makeshane o tlhalositse fa thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa merakeng le dipolaseng e siame thata, ka jalo a kopa puso gore ba tsisediwe mooki wa bobedi gore yo mongwe a nne a kgona go ya go thusa kwa dipolaseng le kwa merakeng sebakanyana, fa yo mongwe a setse a thusa batho ba ba mo motseng.
O ne gape a kopa gore, badisa dikago tsa kokelwana ya bone ba agelwe fa ba theogelelang teng. A re, dipula tsa bosheng di feletse fela mo go bone.
Fa a tsibogela matshwenyego ao, mothusa-tona Dr Somolekae o tlhalositse fa ba nale thulaganyo ya go tlisa mooki wa bobedi mo motseng oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 02 Apr 2014






