Breaking News

Mothusa molaodi o isa ditirelo kwa bathong

02 Apr 2014

Mothusa molaodi wa Maun, Mme Engelinah Leano a re, o bone go tshwanela gore a tsamaye le kgaolo ya gagwe a buisa diphuthego le go lekola beng-gae.

O buile seo, kwa Shorobe le Matsaodi ka Labotlhano, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa, a re, go a lemosega segolo jang ka dinako tsa fa matona a puso a etetse metse e e mo kgaolong ya gagwe gore batho ba metse eo, o  fitlhela ba nale dikgang tse dintsi thata, go bo go lebega okare bone ga ba kgone go ba thusa.

A re, ke gone ka moo a boneng gore o tshwanetse a  epa mosele wa pula go sale gale ka go utlwa matshwenyego a bone le gone go leka go a rarabolola pele ba tla go a rolela botona.

Mma Leano o tsweletse a re, gole gantsi batho ba itse fa ofisi ya ga molaodi e le e e nyadisang fela, mme a ba bolelela fa tiro kgolo ya ofisi eo ele go lomaganya ditirelo tsa puso le go neela bogakolodi gammogo le gone go nyadisa.

O tlhaloseditse  batho ba metse eo ka ditsamaiso tsa manyalo gore a farologana jang, a kgala thata tsamaiso ya lenyalo e  gotweng ke e e kgethegileng.

A  re, batho ba tshwanetse ba seka ba itebatsa gore tshaba e e senang ngwao ke mo ka e suleng e bile sedibeng go iwa ka tsela. O tsweletse a re, nyalo eo ke e e senang ba masika, a tlatsa ka gore, okare e latlhisa batho ngwao ka go a inyadisiwa mo go yone.

O tsweletse a re, banyalani ba le bantsi fa ba sena go tsena mo nyalong, ba tsaya setlankana fela mme ba tlogele mokwalo o o supang gore a go tlhakanetswe dithoto kana nnyaa, a tlhalosa fa gole botlhokwa fela thata go nna le mokwalo wa go nna jalo.

Mothusa molaodi o kgothaditse banni ba metse eo go dira mekwalo e e rurifaditsweng e e supang kgaoganyo ya dithoto ba santse ba le mo botshelong go itsa dikgogakgogano fa mong wa boswa a sena go tlhokafala.

Mme Thabiso Monyatsi wa Boipelego e ne o tlhaloseditse banni ka tsamaiso ya go kwadisa batlhoki le masiela gammogo le ya nyeletso lehuma.O ba tlhaloseditse gore mananeo ao a  ka bonwa ke motho yo o dingwaga di kae, a tlatsa ka gore  dingwe tsa ditiro  tsa nyeletso lehuma jaaka ditshingwana tsa merogo ga di a ka tsa atlega ka ntata ya tlhaelo ya metsi mo kgaolong.

O tsweletse a re, le fa go ntse jalo, ba tsweletse ka go gakolola botlhe ba ba neng ba ikopetse ditshingwana go fetola ba tsaya mananeo a a ka kgonagalang gore ba kgone go tswelela ba ithusa, go nale go nna fela.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya bagodi Mme Onneile Radikolana o ne a tlhalosetsa bagodi ka lenaneo le lesha le le tla a tsenang mo tirisong mo bogaufing la Poso card, le ba tla a bong ba amogela madi a bone ka dikarata.

Kgosi wa Shorobe Rre Molatedi dingalo o lebogile Mme Leano fela thata, a tlhalosa fa go isa ditlamelo kwa bathong ele selo se sentle thata, a tlatsa ka gore nako tse dingwe botsadi bo abo bo sena madi a go ya go dira dilo tsa go nna jalo kwa Maun.

Mothusoa kgosi wa Shorobe Rre Gaditshwane Mmutle e ne o kopile gore go salwe morago kopo ya batho ba motse wa Shorobe ya gore go agiwe sekole se segolwane kwa motseng oo, a tlhalosa fa seka thusa bana ba metsana e e gaufi.

A re, bana ba motse oo, ba isiwa kwa Makalamabedi go simolola mophato wa ntlha, mme a supa fa go le kgakala thata le jone botsadi  bo sa kgone go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana.

Kgosi wa Matsaudi Rre Boitshwarelo Ntema ene o kopile batho ba motse wa gagwe go itlhokomela mo dikweneng tse a reng di bogale thata kwa nokeng ya motse oo, o bile a kopa gore ba agelwe matlo a bodiredi ka a re, bangwe ba setse ba theogela ba tswa Maun le Shorobe mme a bolela fa go le kgakala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Apr 2014