Breaking News

Thapelo ke molemo

02 Apr 2014

Moruti wa kereke ya Thapelong Catholic, Father Mathews Camileus, a re thapelo ke molemo o mogolo go gaisa tsotlhe.

Father Camileus o buile se fa a simolodisa tsosoloso ya moya o o boitshepho ya malatsi a mararo kwa kerekeng e kwa Kanye, ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe.

Father Camileus a re go tshwanetse ga rapelelwa lefatshe ka bophara, a re go dira jalo barapedi ba ka bona tshegofatso. O bile a re go ka rapelwa gore Modimo o dire dikgakgamatso, selo se a tlhalositseng fa se ka diragala fa batho ba na le tumelo.

Father Camileus a re o rapela gore bakeresete ba tladiwe ka moya o o boitshepho gore ba kgone  go lemoga  bomolemo le  bosula, a tlatsa ka gore fa mowa o o maswe o tsena mo mothong o mo rotloetsa go dira bosula jaaka go utswa, go dira boaka le tse dingwe.

A re go utlwisa botlhoko go bona go sa ntse go na le batho ba ba itontelang nnotagi le go utswa dithoto tsa ba bangwe, a tlhalosa fa batho ba go nna jalo ba tlhoka go rapelelwa gore mewa e e maswe e tswe mo go bone. 

O ne a tlhalosa fa mokeresete a sa tshwanela go ithapelela a le esi, mme a tshwanetse go rapelela le batho ba bangwe gore a tiye mo tumelong ya gagwe le mo moweng.

Rara Camelius o kopile gore go rapelwe gore batho botlhe ba lefatshe la Aferika ba tle ba kgone go gololwa mo botshwarong jwa ditiro tse di maswe.

Go boletswe fa Rara Camileus a sa le a neetswe tiro e ya go rapelela le go fodisa batho a le dingwaga di le masome a mararo mme jaanong a setse a na le dingwaga di le masome a mabedi le bofera bobedi a ntse a e dira lefatshe ka bophara.

E ne e rile a amogela baeng, modula setilo wa kereke eo, Mme Patricia Bathai, a bolela fa a itse gore batho ba tsile kwa tirong eo ka mathata a a farologanyeng, bangwe e le ka ntata ya bokoa jwa mmele, bangwe ba batla ditiro le manyalo, dilo tse a tlhalositseng di ka kgonagala fa ba na le tumelo ka jaana thapelo e sa palelwe ke sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kereke

Date : 02 Apr 2014