Ditlamelo di a goroga kwa Moshaneng
02 Apr 2014
Kgosi Seate Marumo wa Moshaneng a re ba itumeletse lenaneo la Ipelegeng ka le namola bangwe mo lehumeng e bile le fokoditse letlhoko la ditiro.
O buile jalo bosheng , fa a amogela badirela-puso kwa Moshaneng ba ba neng ba isitse ditlamelo kwa morafeng. A re,o lebogela khansele ya Borwa go tsisetsa batho ditlamelo mo kgaolong ya gagwe, gammogo le banni ba motse go bo ba tsile kgotleng ka bontsi go tla go reetsa se badiredi ba se ba tsholetseng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bontle Papagwe o boletse fa dingwe tsa ditiro tsa bone di saletse kwa morago ntateng ya di dirisiwa tse di tlhaelang.
O kopile ba ba lebaganeng le ditsela, go di gopa ka fa dipula di nele ditsela di sa tsamaege, a tlatsa ka gore go dirwe dikholobete ka gonne fa dipula tse di mashetla di na, metsi a ba tsenelela mo matlong. A re, ba nale leruo mme ga ba na mokenti mo motseng wa bone.
Mothusa Molaodi, Mme Segomotso Nkwane, o boletse fa e le matshwanedi gore e le badirela- puso ba makalana a farologaneng, ba isetse batho ditlamelo.
Fa a lebagana le babereki ba Ipelegeng, o tlhalositse fa ba tshwanetse go tlhoafalela go bereka ka bonatla go ntsha maduo mo kgaolong ya bone, ba sa bereke ka go patelediwa.
O kopile ba ba sa kgonang go thapiwa gore ba ye kwa masimo go ya go tlhagola le go roba se se duleng, a bo a kopa banana go ya go kopa dithuso tsa madi a go bula dikgwebo tse ba dikgonang kwa diofising tsa banana tse di gaufi le bone.
A re, go tsisa ditlamelo mo dikgaolong e tsile go nna selo se khansele e tla se tlhomamisang gore ditlamelo di goroga ka nako kwa bathong. Mme Nkwane o boletse fa tshenyetso setshaba e tshwenya thata. A re, batho ba tlogele go tsaya meamuso ya puso ka bokukuntshwane.
O tsweletse a re, batho ba tshwanetse go nna matlho a sepodisi, ba ikgolaganya le ba sepodisi fa ba ka bona sengwe se sa tsamae sentle. Mo dikakgelong tsa banni, Rre Molemi Mpholo a re, o leboga khansele potlana ya Borwa go bo e tsibogetse go tsisetsa batho ditlamelo kwa dikgaolong tsa bone.
O boletse fa kokelwana ya Moshaneng e nale motlhatlhobi a le mongwe fela, a supa fa e rile bosheng jaana go bo go ne go sena yo o thusang. A re, seo, se ka dira gore batho ba ba lwalang ba ketefalelwe ke go ya kwa dikokelwaneng tsa Kanye.
Molaodi Mme Nkwane o boletse fa a tla ikgolaganya le ba ba lebaneng go baakanya seemo. Bangwe ba banni ba motse ba ne ba ya le maphata a khansele a a neng a le kwa phuthegong go kopa dithuso mo go tse ba di tlhokang tse ba neng ba sa kgone go di latela kwa khanseleng ya Kanye. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oteng Mae
Location : KANYE
Event : Phuthego
Date : 02 Apr 2014






