Ditsa tlholego di botlhokwa
02 Apr 2014
Morutabana wa sekolo se sebotlana sa Tshwaane, Mme Nkgadimang Baaitse, o tlhalositse fa ditsa tlholego di le mosola fela thata mo matshelong a batho.
Mme Baaitse o buile mafoko a kwa letsatsing la tikologo le le neng le tshwerwe kwa sekolong sa gagwe ka mafelo a beke. A re ditsa tlholego di tshwanetse go tlhokomelwa gore bana ba ba tswang kwa tlase ba tle ba di fitlhele, e bile a tlhalosa fa di ka tokafatsa itsholelo ya lefatshe leno.
O ne a tlatsa ka go fa sekai ka mokgatlho wa tikologo le diphologolo mo dikoleng, a tlhalosa fa ele sekao sa bomosola jwa go somarela le go babalela ditsa tlholego. Mme Baaitse a re ba rotloetsa dikole tse dipotlana tsotlhe go nna le mokgatlho wa tikologo le ditsa tlholego.
Letsatsi le le ne le rotloeditswe ke Rre Seoganetseng Boeng, yo e leng moithaopi ebile a boletse fa a bone go tshwanela gore a tsamaye le dikole go ruta bana ka botlhokwa jwa tikologo le diphologolo.
Rre Boeng a re o simolotse a tsamaya mo dikoleng tsa kgaolo ya Chobe mme ya re a ntse a tsweletse a bona gore ga go a lekana, a bo a atolosa mosepele wa gagwe. A re gongwe le gongwe kwa a yang teng o abela sekole dibukana tse di rutang ka diphologolo bogolo jang lengau le letlotse.
A re o lemogile gore batho ba le bantsi ga ba itse pharologanyo fa gare ga lengau le letotse, ke sone se a tsereng matsapa go ba ruta pharologanyo ya tsone.
Rre Boeng o bile a solofetsa ba sekolo sa Tshwaane madi a a ka tshwarangP3000.00, a boletseng fa a tla ba thusa go dira tshingwana ya merogo.
Fa a leboga, Kgosi Baitere, o ne a gakolola batsena moletlo o fa pipa molomo e sa siama, a re fa motho a dirile molato a bo a fa yo mongwe pipa molomo ba a tlholwa ka go lekana.
Kgosi Baiteri a re o lebogetse go utlwa fa sekole sa Tshwaane se tsere maemo a botlhano mo kgaolong ya Moshupa e e nang le dikole di le masome a mabedi.
A re bana ba sekole seo le barutabana ba itshupile fa ba tlhoafaletse thuto ntswa ba sena ditlamelo di tshwana le motlakase le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : TSHWAANE
Event : Letsatsi la tikologo
Date : 02 Apr 2014






