Breaking News

Matona a puso a tshwarelela ka nakwana

01 Apr 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o dirisitse dithata tsa gagwe go ya ka molao mothao wa lefatshe la Botswana go rebola Dr Pelonomi Venson-Moitoi go nama a tlogetse maemo a o ntseng a a tshwere a tona wa thuto le tlhabololo dikitso, go ya go dira thomo e e faphegileng teng mo lephateng la thuto le tlhabololo dikitso, go tloga kgwedi ya Moranang e tlhola letsatsi go fitlhela nako e e tla a  bolelwang.

Thomo ya ga Dr Venson-Moitoi  jaanong ke go okamela lenaneo la togamaano e e tseneletseng ya thuto, e mmuso wa Botswana o e tshwaranetseng le makala a mafatshefatshe a go dirisanngwang nao.

Moono mogolo wa tiro eo ke go tswa ka maano a a tseneletseng a thuto mo Botswana le go rulaganya ditiro go ya ka bokete jwa tsone le dinako tse go tshwanetseng go berekelwa mo go tsone.

Mo tirong eo gape, go tla a bo go tsentswe leitlho thata mo go ntsheng maduo go sekaseka boleng jwa tiro le dithulaganyo tsotlhe tsa thuto.
Pego e e tswang kwa ofising ya ga Tautona ya re bokete jwa thomo e, bo tlhoka gore Mme Venson-Moitoi a itebaganye nayo e le yosi a sa e pataganya le ditiro tse dingwe.

Ka ntlha ya phetogo e, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhomilwe go tshwarelela mo maemong a tona wa thuto le tlhabololo dikitso fa Rre Shaw Kgathi ene a tlaa tshwarelela mamemo a tona ya merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirela puso.

Rre Vincent Seretse o tlhomilwe mo mamemong a tona wa banana, metshameko le ngwao, far Rre Keletso Rakhudu a fuduseditswe kwa lephateng la thuto le tlhabololo dikitso go nna mothusa tona wa bobedi wa thuto.

Bo tona ba ba tlaa tshegetsa maemo a go fitlhelela nako e e tlaa bolelwang. Rre Richard Matlhare o fuduseditswe kwa lephateng la thuto le tlhabololo dikisto go nna mokwaledi wa lone a tsaya mo go Mme Grace Muzila yo a tlhomilweng molomaganya ditiro tsa twantshobolwetse le morago wa HIV le NACA, tse di ntseng di tshwerwe ke Rre Matlhare. bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Press release

Date : 01 Apr 2014