Dialogane di rotloeditswe go itsetela adimo
01 Apr 2014
Raboipelego yo mogolwane wa kgaolo ya Borwa, Rre Ogoditsemang Seleme, o kgothaditse dialogane kwa sekoleng sa Ramatea gore ba nne le boineelo fa ba tsamaisa dikgwebo.
O buile seo mo moletlong wa go abela ditlankana banana ba ba neng ba isitswe ke puso ikatisong ya go roka, go apaya le go dira ka diatla kwa Ramatea ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma.
Rre Seleme o tlhaloseditse batsena moletlo oo fa puso e tsile ka mananeo a nyeletso lehuma maikaelelo e le go ntsha batho mo lehumeng le go fokotsa borukutlhi. O tladitse ka go bolela fa maikaelelo a puso gape e le go tlhamela batho ditiro le go godisa itsholelo ya Botswana.
Rre Seleme o gakolotse dialogane gore ba seka ba inyatsa kana ba itebela mo metsing. O ba gakolotse gore ba nne boineelo mo tirong ya bone, ka boineelo bo tsisa maduo a a siameng e bile bo thusa go godisa kgwebo.
“Tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone. Ka jalo, ke lo rotloetsa gore lo ikemele ka dinao go leka ka bojotlhe go lwantsha dikgwetlho tseo,” ga bua Rre Seleme.
Rre Seleme o gakolotse dialogane go ithuta maele a go oka bareki. O ba tlhagisitse gore go ikadima madi mo kgwebong ke selo se se sa siamang, a tlhalosa fa go diga kgwebo. “Maikaelelo a puso ke go bona dikgwebo tsa lona di gola, lo tswelela e bile lo gatela pele mo botshelong,” ga tlatsa Rre Seleme.
Fa dialogane di mo kgwa kgaba, Mme Keitumetse Sebonego wa Kanye a re o akgola Tautona go bo a bone go tshwanela gore a dire mananeo a nyeletso lehuma, ka a ne a bona tshaba ya gagwe e nyelela ka ntlha ya lehuma.
Mme Sebonego o ne a gakolola dialogane jaaka ene gore ba ikemele ka dinao go itirela ka ba filwe mananeo gore ba itshetse. Fa a ntsha la gagwe, Mme Kegaisamang Searobi wa Lotlhakane, a re o leboga puso go bo e ba ntshitse mo lehumeng la nta ya tlhogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Moletlo wa go aba ditlankana
Date : 01 Apr 2014






