Breaking News

Go fitlhetswe setopo

01 Apr 2014

Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo sa monna mongwe, se se neng se setse se senyegile, kwa motseng oo.

Mo potsolotsong, mapodise a Tutume a boletse fa e rile ka Mosupulogo ba kuelwa  mokgosi, o o neng o ba tsibosa fa go na le setopo se se senyegileng kwa sekgweng gaufi le kgotla ya Magapatona.

Go ya ka Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, ba ne ba begelwa tiragalo eo ke bangwe ba ba neng ba ile go epa mantswe a konkoreite fa lefelong leo mo maphakeleng a Mosupologo. 

O boletse fa setopo seo se nyerile mme go supega fa ele sa motho senna, a ka tswa a le fa gare ga dingwaga tse masome a mabedi go ya kwa go masome mararo.

Detective Assistant Superintendent Nkhwanana o tlhalositse fa setopo seo se ne se le mo lehuting  le go epiwang mantswe a konkoreite  mo go lone, le le neng le sa katelwa, le sone setopo se ne se sa apara sepe, fa e se borokgwe jwa ka kwa teng.

O ne a tswelela a bolela fa ba isitse setopo seo kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. O ne gape a tlhalosa fa ba ise ba amogele dikgang dipe kwa ofising ya bone, tsa motho wa rre yo o ka tswang a timetse. 

O tlhalositse fa ba amogetse boikuelo jwa motho wa mme fela, yo go bolelwang fa a sa bonwe. 

O ne a kopa gore batho ba nne ba itlhwatlhwaetsa go bega nako e sale teng fa ba belaela mong ka bone a ka tswa a timetse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2014