Breaking News

Bomme ba kopiwa go emana nokeng

01 Apr 2014

Bomme ba phathi ya kganetso ya Botswana Congress Party (BCP) ba kopilwe go ema bomme ba phathi eo nokeng mo ditlhopong tse di tlang.

Se, se builwe ke modulasetilo wa komiti ya bomme kwa Mahalapye Botlhaba, Mme Lillian Motshegwa kwa phuthegong ya phatlalatsa ya phathi eo bosheng.

Mme Motshegwa a re bomme ke bone batho ba ba tlhophang ka mmetela, ke ka moo kemedi ya bone ya makhanselara le mapalamente e tshwanetse e nne kwa godimo. O rotloeditse maloko bogolo jang bomme, go ema bomme ba bo ntlhopeng nokeng.

Fa a tswa la gagwe Rre Moses Gobela, o kopile Batswana ka kakaretso go tlhopa phathi ya bone, a bolela fa ba nale mananeo a motiya a go tlhabolola Batswana. 

A re, thuto e ba ikaeletseng go efa Batswana fa ba tsena mo pusong, ke e e nonofileng ya go tlhabolola le go naya Batswana lesedi.

Rre Gobela a re, thuto e Batswana ba e newang  ke puso, ga ena boleng ka e sa ba ise gope.

O tsweletse a re, BCP e dumela gore bana ba tshwanetse ba rutwe ka teme ya motsadi wa bone, a tlatsa ka gore moo go tla dira pharologanyo gore bana ba kgone go tlhaloganya mo go tseneletseng fa ba rutwa.

Mo go tse dingwe, o ne a bua a sa kgwe mathe a re ke mathabisa ditlhong gore diteme tse di tlholegang mo lefatsheng leno, di bo di sa elwe tlhoko, mme dipuo tsa batswakwa jaaka sefora le sechaena di bo di rutwa kwa mmadikolo. 

Rre Gobela a re, BCP e ikaeletse go simolodisa thuto ya kitso le bokgoni mo baneng ba sale babotlana, gore ba nne le boitseanape jo bo tseneletseng, e bile ba gola ka jone. 

A re ka moo, Batswana ka kakaretso ba tla kgona go phadisana le ba mafatshe a mangwe a tlatsa ka gore go tla seke go nne le ngwana ope yo o fetelang kwa lokwalong le le fa godimo a sa dira sentle mo ditlhatlhobong, go itsa gore bana ba bo ba kaila mo mebileng kgotsa ba dira mo lenaneong la Ipelegeng.

Rre Ernest Nthobelang yo o neng e le ntlhopeng wa bopalamente mo Botswana Democratic Party wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, o amogetswe e le leloko mo phating ya BCP, mme e bile e le ntlhopeng wa palamente. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya phatlhalatsa

Date : 01 Apr 2014