Breaking News

Bagwebi ba babotlana ba a lela

01 Apr 2014

Mmolo o mosha o o sa tswang go bulwa kwa Kanye wa Mongala o tsisitse boitumelo le bohutsana mo banning ba Kanye, ka jaana go supega fa bangwe ba itumeletse mmolo oo, fa bangwe ba bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa marekisetso ao a ya go diga dikgwebo tsa bone.

Mo potsolosong bosheng, bangwe ba bagwebi ba babotlana ba boletse fa ba itumeletse mmolo oo ka jaana o tsile ka mabentlele a mantsi a a ntseng a seyo mo Kanye mme seo se tlaa ba fokoletsa mosepele wa go latela dilo dingwe kwa toropong ya Lobatse le Gaborone jaaka go ntse go diragala. 

Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba re le fa mmolo o le botlhokwa, sebe sa phiri ke gore kgwebo ya bone e tsile go wela kwa tlase ka jaana dingwe tsa tse ba ntseng ba di rekisa, jaaka merogo, lesika la ditamati, phaletshe e buduleng, nama e e besitsweng le tse dingwe fela jalo, go sa letlelesege gore ba di rekise kwa mmolong oo ka mabaka a ba a filweng; bogolo jang thata ka mabentlele mangwe a mmolo oo a di rekisa.

Mmolo oo, o na le matlwana a bagwebi ba babotlana a a duelelwang a le masome a mararo le borataro. Mo go yone palo ya matlwana ao, a le masome a mabedi ka a a tswetsweng ebile a lotlelwa, fa a le lesome le borataro o ne a sa lotlelwe. 

Ba tlhalositse fa matlwana a a lotlelwang a duelelwa P250 ka kgwedi, fa a mangwe one a lopa mogwebi P100 ka kgwedi. Mo go ba ba amogetseng matlwana ao, bangwe ba bone ba tlhalositse fa ba tsile go ketefalelwa ke go duela madi a go hirisediwa matlo ao ka ba na le tumelo ya gore kgwebo e tsile go tsenya madi ka bonya fa ba sa rekise dijo le lesika la merogo, ka ele tsone di bogadi bo gaufi.

Bangwe ba tlhalositse gore go tlhoka go abelwa bonno jwa go rekisa mo mmolong go ba beile ka fa mosing ka go rekisetsa fa maememolong a dikoloi tsedi rwalalang setshaba go na le dipoelo tse di botoka.

Mo godimo ga moo, bangwe ba re pele ba ne ba rekisetsa kwa maemelong a dibese pele ga ba fudusiwa ke khansele go sutela kago ya mmolo, ka mabaka a gore ba tlaa boela teng go tsweledisa kgwebo tsa bone fa o wediwa.

Ba tlhalositse fa ba le maswabi thata go bo ba sa bona bonno kwa mmolong mme e bile bontsi go tsene batho ba basha koo. Ba re ba swabile nko go feta molomo go bona khansele e fetogetse ditumalano tseo, ka jaanong gone go abiwa matlwana ao ka khupelekhupele.

Ba ikuetse mo khanseleng go ba letlelela go tsena mo mmolong ka go rekisetsa ka fa tlase ga dikhukhu, ba gatelela ka gore kwa mekgwatheng ga gona kgwebo mme lemmenyana le ba le boneng ba itshidisa ka lone le ba malwapa a bone jaaka go duelelwa bana ba bone kwa dikoleng.

Ba kopile khansele go lemoga fa Kanye ele motse mme o sa tshwanela go tshwantshanngwa le mebolo ya ditoropo mo bangwebing ba babotlana.

E rile a tsibogela dingngora tseo, mogolwane wa kompone ya Time Projects, Rre Turnie Morolong, o ne a tlhalosa gore go bo batho ba sa bona matlwana kana bonno botlhe, ke gore baikopedi ba ne ba le bantsi mme matlwana ao a abiwa ka khupelekhupele; ke ka moo go tseneng batho ba basha le ba bagologolo. A re gone go le bokete go ka tsaya ba kileng ba bo ba rekisetsa koo fela. 

Rre Morolong a re go dirilwe ditumalano pele fa batho ba ka abelwamatlwana ao, go sena patiko, a tlhalosa fa jaanong a le maswabi go utlwa bangwe ba ngongoregela madi a duelelang bonno, ba tlhalosa fa a le kwa godimo le gore ga ba letlelelwe go rekisa dilo dingwe. 

A re ba ne ba lebile gore fa ba ka rekisa selo sele sengwefela ba le bantsi, bogolo jang dijo, ga ba kake ba bona dipoelo, a gatelela ka gore mo thekisong ya diaparo gone ga se bothata. Rre Morolong a re gape maikaelelo ke gore ba itsamaisetse kgwebo ya bone jaaka go dumalanwe, le gore motho ga a letlelelwe go nna le matlwana a feta bongwe a le nosi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 01 Apr 2014