Pina ya setshaba e kopanya batho
01 Apr 2014
Banni ba Charleshill ba kopilwe go opela pina ya setshaba ka manontlhotlho ka gore e kopanya Batswana.
Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o ntshitse kopo eo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Tona o boleletse banni fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a itse go opela pina ya setshaba le go supa tlotlo le lerato.
Fa a itebaganya le dikgang tse dingwe, tona o boleletse banni gore bukana ya teseletso mesepele ya bana jaanong e duelelwa P100 go tswa kwa go P260. A re, puso e fokoditse madi ao morago ga selelo sa Batswana.
A re, pasa eo, e simolola mo ngwaneng yo eleng gone a tsholwang go ya go ema ka dingwaga di le lesome le borataro. Tona Batshu o boleletse banni gore fa ele gore gona le bana ba ba barekang kwa dipolasing tsa bone, ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro,ba tshwaneste go itse gore ke molato.
A re, kgaolo ya Ghanzi ke yone e e di fetang tsotlhe mo lefatsheng leno ka go dirisa bana bokgoba ntswa go itsiwe gore puso ya re bana ba isiwe dikolong.
Tona Batshu o boleletse banni bao gore go tsile go tswa letsholo le le tsileng go tsamaya mo dipolasing go bona gore a go nale bana ba go nna jalo, mme fa motho a ka fitlhelwa ka bone,o tsile go sekisiwa.
Tona o boleletse Baherero ba batlang go boela kwa lefatsheng la Namibia gore, puso ya lefatshe leno e santse e kwaletse ya Namibia mme ga ba ise ba bone phetola.
A re, molao wa lefatshe leno o letlelela Motswana mongwe le mongwe go fudugela kwa a batlang go ya go nna teng a sa kgorelediwe ke sepe , mme fela ba tshwanetse go dirisa ditsela tse di siameng.
Tona o kopile banni go kwadisa matsalo le dintsho ka dipalo tse di kwa godimo ka gore di botlhokwa mo matshelong a Batswana le lefatshe ka kakaretso.
A re, ditlhotlhomiso tsa lephata la gagwe di supa fa go santse gona le bana ba ba dingwga tse di lesome le borataro go ya kwa godimo ba ba senang bo-Omang, a re bana bao ba tshwanetse go tsaya Omang gore ba kgone go bona dithuso tse di ba lebaneng.
Rre Batshu a re, puso e tsere tshwetso ya gore bana ba batlhoki le masiela ba seka ba duedisiwa sepe fa baya go tsaya Omang fa dingwaga tsa bone di setse di fetile lesome le borataro.
O tsweletse a re, puso e tshwenyegile thata ka Batswana bangwe ba ba sa tseyeng Omang, mme a kopa banni go thusa Batswana ba ba senang Omang gore ba mmone ka ditsela tse di tshwanetseng.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Cleofus Chazeri a ntsha tekodiso ya motse wa bone, a ngongorega thata ka seemo sa baoki ba kokelwana ya bone gore ga bana boitsholo jo bo siameng.
Rre Chazeri o boleletse tona gore e sale ba tlhopiwa go nna maloko a komiti eo, ba ne ba ipeela seelo sa gore mo dingwageng tse pedi, komiti ya bone e tsile go bereka jang.
A re, komiti ya bone e ne ya dira ofisi ya VDC yabo ya baakanya ntlo ya borotho go nna hardware. A re, mathata a ba nang le one ke gore matlo a bone a mangwe a tlhokana le paakanyo mme mathata ke madi.
O tsweletse a re, ba santse ba tsweletse ka go baakanya ntlo e nngwe gore ba e neele motlhoki. Fa ba ntsha mathata a bone, banni ba boleletse tona fa ba nale mathata a tsela ya Charleshill/ Nojane.
Ba supile fa batho ba feditswe ke tsela eo le dikoloi tsa bone di senyegile. Banni ba ba kopile tona gore tsela eo, e tshelwe sekonotiri ka bofefo jo bo kgonagalang.
E rile mogolwane wa baoki Mme Peggy Kapii araba selelo sa bone, a supa fa seemo se tokafetse kwa kokelwaneng go sa tshwane le pele.
Tona o ne akgola komiti ya ditlhabololo tsa motse , a re batho fa ele baeteledipele ba motse ba tshwanetse go dira jaaka bone, segolo bogolo go abela motlhoki ntlo.
A re, fa ba bona dilo di sa tsamaye sentle mo motseng wa bone, ba tshwanetse go di emela ka dinao gore di boele mo seemong se se siameng.
Tona a re puso e tshwentswe ke boitshwaro jwa badirela-puso bangwe, mme o tla leka go ya go bona tona wa tsa botsogo ka boitshwaro jwa baoki ba motse wa bone . Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Apr 2014






