Breaking News

Puso e oketsa dituelo

31 Mar 2014

Mmuso wa Botswana o tsere tshwetso  ya go okeletsa badirelapuso bangwe madi  ka 4 per cent Moranang  a tlhola letsatsi. Ba ba tlaa okelediwang ba akaretsa  ba sesole sa Botswana,  ba  Sepodisi, ba Malomatsebe a mmuso, badiri ba lekalana la tshenyetso sechaba le go gopela Itsholelo le bagolwane ba puso. Mo godimo ga moo,  dikatso tse di  tlhomameng tsa kgwedi le kgwedi le tsone di tla a okediwa ka 4 percent.

Pego  ya mmuso e tswelela e tlhalosa  gore  ka maikaelelo a go  tswelela ka go tokafatsa mabaka  a pereko a  bodirelapuso,  dikatso tsa  bodiredi jwa  booki  tsa 30 percent tsa go dira lobaka lo lo leele morago ga dinako tsa  tiro jaanong di tla a tsewa ke badiri ba mhama oo botlhe.

Pego e tswelela  e re dikatso tsa go dirisa koloi ya mong mo tirong di tla    tlhatlosiwa  ka  4 percent  mo  kilomithareng mo godimo ga  30 percent yo o tsentsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele 2013.

Mmuso  wa re le fa dipuisanyo tsa dituelo tsa bodirelapuso di santse tse di tsweletse, se ga se a tshwanela go lomeletsa  badirelapuso ba eseng maloko a makgotla a babereki kgotsa ba maemo a bone a sa ba letleng go nna  mo makgotleng a.

Pego e tswelela e re tiego epe ya go oketsa dituelo tsa badirelapuso  e ka ba baya ka fa  mosing ka jaana ditumelano e seke di duelwa melala.

Dikatso tse  di tla a okediwang di akaretsa  tsa Ipelegeng,  tsa bagodi, bathugi, batlhokomedi ba balwetsi kwa malapeng,  masole a pele a ntwa  ya lefatshe ya bobedi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le  tsa batlhoki.

Mo mabakeng a pereko a bodirelapuso, mmuso o tlhalosa fa o isitse kwa lekgotleng le le sekasekang dituelo tsa badirela puso la Public Service Barganing Council  dikgang tse di amanang le  go duela madi a dikadimo a dikoloi  le matlo tse di rekilweng ka thulaganyo ya mmuso gore matlo a okelediwe sebaka go tswa mo dingwageng tse di lesome go ya kwa go tse di masome a mabedi, boroko jwa mahala jwa batho b aba direlang kwa metseng ee kgakala le ditlamelo,  maranyane a internet  a mahala le  thulaganyo e e haphegileng ya  dikadimo tsa SHHA ya badiri ba dituelo tsa D4 go ya kwa tlase le  gore badirelapuso ba letlelelwe go tsena mo dikgwebong.

 Go sale foo, go jwala lmowa wa go boloka madi ga badirelapuso, mmuso o simolodisitse lekgotla  la go  ipolokela madi ka mokgwa wa dikoporase le le kwadisitsweng ka Moranang ngogola. Go tsena mo lekgotleng, motho o ikwadisa ka Fifty Pula , mme a boloke fifty Pula kgwedi le kgwedi.

Pego ya re maloko a kgona go adima  madi ka morokotso o kwa tlase  wa 10 percent, go reka dipeeletso tsa madi 500 pula go ya kwa godimo, mme ba tsenyediwe morokotso ngwaga le ngwaga.

Mmuso wa re o itlamile gore nako le nako o bo o  lekodisa bodiredi jwa one, b aba amegang le sechaba ka diphetogo tse di amang dituelo le mabaka a bodirelapuso. Bokhutlo

 

 

 

Source : DPSM

Author : DPSM

Location : GABORONE

Event : Press release

Date : 31 Mar 2014