Breaking News

Palapye o amilwe ke bogodu jwa leruo

31 Mar 2014

Ramapodise a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a re kgaolo ya Palapye ke yone e di gogang kwa pele ka dikgang tsa bogodu jwa leruo.

Fa a bua kwa pulo semmusong ya diofisi tsa sepodisi kwa Palapye ka mafelo a beke, Rre Makgophe a re, bogodu jwa leruo bo godile ka borataro mo lesomeng mme Palapye le Tswapong di supa fa di amilwe thata ke bogodu jo, go feta mafelo a mangwe.

A re, setshaba se nale seabe ka se dira tiro ya sepodisi bokete ka go pega dikgang tsa borukutlhi mme morago ba di tsholole ba sena go buisanya le babelaelwa ka fa thoko. O kgalemile se, a tlhalosa fa sepodise se tsere tshwetso ya gore dikgang tsa bogodu jwa leruo di seka tsa tshololwa.
A re, mapodise a ya go sala dikgang tseo morago go fitlhelela di ya kwa kgotla tshekelo.

Rre Makgophe a re, melato e tshwana le dipolaano, go thubiwa ga matlo le go amoga batho dithoto, e a tshwenya mme a itumelela fa mapodisi a kgonne go fokotsa melato e ka lesome le botlhano mo lekgolong, a re se, se supa fa ba fetile seelo se ba neng ba se ipeetse.

O tsweletse  a re, motse wa Palapye ke makgatlhanela-thapong mme borukutlhi jwa teng bo godile fela thata, ka jalo maikaelelo a go tsisa diofisi tse disha tsa sepodisi mo Palapye ke go tsisa ditirelo tsa maemo a a kwa godimo, le gore go nne le sephiri le lefelo le mapodisi  a ka tlhotlhomisetsang mo go lone.

A re, le fa go ntse jalo ,diofisi tsa sepodise di ne di sa jese diwelang ka di ne di le dinnye ka palo, ka jalo go sena sephiri fa gare ba mapodise le setshaba.

A re, kgaolo ya borwa legare, e go welang kgaolo ya Palapye mo go yone,e ntse e rwele bokete ba dikgang tsa borukutlhi mme go supa fa e rwele masome a matlhano mo lekgolong a dikgang tsa borukutlhi.

Rre Makgophe a re, ele ba sepodisi ba bone go le botlhokwa go dira kgaolo e ntsha ya sepodisi e e bidiwang bokone legare mme diofisi tsa teng di le mo Palapye.

A re, kgaolo e, e tla lebagana le dikgang tsa borukutlhi go tswa Dibete go ema kwa Boteti, go fokotsa morwalo wa dikgaolo tse di ntseng di le teng.
Rre Makgophe o lebogetse komiti e e neng e baakanyetsa pulo semmuso ya diofisi tse disha tsa sepodisi, a re ba dirile tiro e ntle thata ntswa ba ne ba filwe nako e khutshwane.

Fa a tswa la gagwe, kgosi ya motse wa Palapye Rre Masego Olebile, o tlhalositse fa bogosi ba Palapye le banni, ba le motlotlo go bo go ilwe ga kgethiwa Palapye go tshegetsa diofisi tsa sebopego se. Mme o kopile Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe go mo isetsa molaetsa mo boemong jwa banni ba Palapye gore, ba kopa lefelo le baka kgobokanyetsang banana teng gore ba ba ntshe mo mebileng.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti e e neng e baakanyetsa tiro e ,Rre Goloswang Ramogala a re, komiti ya gagwe e dirile ka natla ntswa e ne e filwe nako e nnye. A re, setshaba le ba dikgwebo ba ile ba tsiboga go supa fa ba ne ba nyoretswe go bulwa ga diofisi tse.

O tlhalositse gore go ne go kgobokantswe  P72 000 a dimpho, mo godimo ga dimpho tsa dijo. Dikago tse disha tsa mapodisi a Palapye di ne di bulwa semmuso ke Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Pulo semmuso ya diofisi

Date : 31 Mar 2014