Breaking News

UDC e supa Modubule

31 Mar 2014

Moeteledipe wa phathi ya Umbrella for Democratic Change( UDC), Rre Duma Boko, o rotloeditse Batswana go dira diphetogo ka go tlhopholola phathi e e sa bolong go nna mo setilong ya Botswana Democratic Party (BDP).

Rre Boko o buile jalo mo phuthegong ya phatlalatsa ka bofelo ja beke kwa Lobatse, kwa go neng go supiwa ntlhopheng  wa bopalamente wa phathi eo, Rre Nehemiah Modubule.

Rre Boko o boletse fa e le nako ya diphetogo go ntsha Batswana mo lehumeng. Rre Boko o kgadile batho bangwe ba ba kgatlhanong le go ikopanya ga diphathi tsa kganetso, a bolela fa botoka ele go kopana ga diphathi gore ba ntshe BDP mo setilong. O ne a kgala maloko mangwe a BNF a a kgatlhanong le mogopolo wa bone wa go kopana.

O boletse gore fa ba tsaya puso, badirela-puso ba tsile go amogela madi a a bonalang, a tlatsa ka gore ba tsile go tsibogela dilelo tsa bone. Fa a ntsha la gagwe, Rre Modubule o boletse fa a tla emela banni ba Lobatse go le botlhoko le go le monate.

A re, bokopano ja diphathi bona le tema  mme o rotloetsa Batswana go tlhopha phathi eo ka dipalo tse di kwa godimo go ntsha e e busang. bokhutlo      

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 31 Mar 2014