Breaking News

Ba gwetlhilwe go intsha kwa morago

31 Mar 2014

Banni ba Tshesebe ba rotloeditswe go dira ka natla go tlhomamisa gore motse wa bone ga o salele kwa morago mo ditirong tsa botlhokwa.

Se, se builwe ke moemelakgosi wa motse oo, Rre Basupi Mokgosi ka Tshipi, fa a ne a amogela batsena moletlo wa go lebogela dipula tse di namagadi tsa bosheng.

Kgosi Mokgosi o ne a supa fa go tshwenya go bo morafe o sa tshologela tiro eo ka bontsi jo bo neng bo solofetswe, le mororo go se ope yo o neng a batla go ka salela kwa morago ka nako ya fa go rapelelwa pula.

A re tsholofelo e ne e le gore kgotla e bo e penologa, e le tsela ya go supa ditebogo ka jaana dithapelo tsa bone tsa kgwedi yotlhe ya Lwetse ngogola di arabilwe. Go sale foo, Kgosi Mokgosi o ne a leboga bogogi jwa lefatshe leno, segolo bogolo Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, go bo a na le ponelopele mo go gogeng tshaba.

A re go ikanya Modimo ga ga Tautona ke seikokotlelo se se nonofileng, ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba retologele kwa Modimong go sala morago tsela e e betlilweng ke Tautona. Mo go tse  dingwe, Kgosi Mokgosi o kopile barui go ititaya ka thupana go tlhomamisa gore loruo lwa bone ga lo senyetse ba ba lemileng.

A re e ka nna matlhabisa ditlhong gore e re puso e tshetse madi a a seng kana ka sepe mo temong, balemi ba bo ba tswa ba iphotlhere ka ntlha ya loruo. O ne a gwetlha balemi go tlhokomela masimo a bone go tlhomamisa gore ba bona thobo e e nametsang e bile e tsamaelana le selekanyo sa dipula tse ba di amogetseng.

O supile fa mokgwa wa go phuaganya masimo morago ga go lema o sa jese diwelang. A re Batswana ba tshwanetse ba lemoga fa madi a puso e a dirisang go ba lemela e le a bone, ka jalo go le botlhokwa gore ba dira go bonala go tlhomamisa gore ga a wele ka motlhobodika.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Daniel Moipolai o tlhalositse fa go tlhabisa ditlhong go bo morafe o sa tsibogela tiro eo, a tlatsa ka go re go a tshwenya go bo go ne go sa tsisiwa ditswa-tshimong dipe kwa tirong eo jaaka go ne go dumalanwe.

O gwetlhile banni go emela motse wa bone ka dinao, a bolela fa go se ope yo o ka tswang go sele go tla go tlotlomatsa serodumo sa motse wa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a akgola batho ba ba felelang mo seatleng, matsapa a ba a tsereng go tsena tiro eo.

O ba kopile go sa kgojwe marapo ke sepe, a ba rotloetsa go seke ba ipona tsapa go tsena ditiro tsa motse fa bogogi bo tlhaba mokgosi .Moruti Andry Sebeela o gateletse botlhokwa jwa go ikanya mo Modimong mo mabakeng otlhe a botshelo.

A re e re ka jaana batho gangwe le gape ba iphitlhela ba raletse dikgwetlho tse di bokete tsa botshelo, Modimo ke one fela o ka ba kgontshang go ema ba tsepame go fitlhelela mabaka a a thata ao a feta. Moruti Sebeela o ne a supa fa ope yo o eletsang go nna mme kana rre wa tlhwatlhwa, a tshwanetse a lemoga ka botlalo botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo.

Fa a ntsha lefoko la malebo, mokhanselara wa Tshesebe, Rre Moses Maloiso, o akgoletse banni ba motse oo go bo ba ne ba gakologelwa moletlo oo. O ba gakolotse go tswelela ba tshegetsa moletlo oo le mo dingwageng tse di tlang, go sa kgathalesege gore ba bone thobo e e kae. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Moletlo wa go lebogela pula

Date : 31 Mar 2014