Baimana ba rotloediwa go ikwadisa
31 Mar 2014
Mothusa Tona wa Botsogo, Dr Gloria Somolekae o rotloeditse bomme ba ba itsholofetseng go ikwadisa mo dikokelong.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Malatswai bosheng, Dr Somolekae a re, go botlhokwa gore bomme ba ba itsholofetseng ba ikwadise mo dikokelong gore fa go tlhokafala gore ba tsenngwe mo lenaneong la go thibela mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng, go dirwe ka nako
A re, bomme ba ba ikwadisitseng ba dirwa ditlhatlhobo tsa bolwetse joo, mme fa go fitlhelwa bo le teng, ba tsenngwa mo lenaneong la go thibela ga mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng.
A re mo mafatsheng a borwa jwa Aferika, Botswana ke lengwe la mafatshe a a atlegileng thata mo lenaneong la go thibela mogare wa HIV/AIDS go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng ka gore Batswana ba ne ba reetsa fa gotwe ere motho a itsholofela, a bone ba bongaka go tlhatlhobelwa mogare.
Le fa go ntse jalo, a re go ya ka ditekodiso go tswa mo go ba botsogo ka motse wa Malwatsai, di supa fa go santse go nale batho ba le mokawana ba ba diegang go ya go ikwadisa fa ba imile, fa ba bangwe ba felela ba belegela mo malwapeng.
A re, ga ba rotloetse pelegi ya mo malwapeng ka e sa babalesega , a tlatsa ka gore metlha ga se ya maloba, ka jalo go belegisa go tshwanetswe ya dirwa ke batho ba ba rutetsweng tiro eo.
Mothusa tona wa botsogo o tlhaloseditse banni gore, “malatsi a go diphatsa go belegela mo lwapeng, motho yo o belegesiwang mo lwapeng a na le mogare o baya yo a mmelegisang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare oo.”
Dr Somolekae a re, fa ngwana a sena go tsholwa , o tshwanetse go kalwa a bo a kentiwa mekento yotlhe e e tshwanetseng .A re, mengwe ya mekento e, e thibela gore ngwana a seka a nna le bogole fa a gola ,a supa fa malwetse a tshwana le go swa mhama, a dirwa ke go tlhoka go kentelwa .
O ne gape a rotloetsa setshaba go iphapha mo malwetseng a tshwana le sukiri le madi a matona ka a le diphatsa e bile a kgona go baka bolwetse jwa diphilo.
“Fa a go tsene, ga oa tshwanela go a tsaya motlhofo, o tshwanetse wa a neneketsa ka go itlhokomela jaaka go ja sentle o iphapha mo dijong tse di mafura a mantsi gammogo le letswai le le ntsi,” mothusa-tona a tlhalosa, a tlatsa ka gore, batho ba tshwanetse go itshidila mmele .
O ne gape a rotloetsa batho ba malwetse a, go nwa dipilisi ka fa ba botsogo ba ba kaetseng ka teng, a bo a gakolola batho ba bolwetse jwa kgotlholo e tona le ba mogare wa HIV/AIDS go emisa mokgwa wa go tlogela kalafi mo tseleng .
O tlhalositse gore fa molwetsi a tlogela dipilisi mo tseleng. bolwetse bo a tsatsarala. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 Mar 2014






