Breaking News

Men Sector e ila nnotagi lebaibai

31 Mar 2014

Mokgatlho wa Men Sector mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, o ne o tshwere  thuto- dipuisano ka kwa Otse bosheng go itebaganya le tiriso botlhaswa  ya nnotagi  le  diritibatsi.

E rile a amogela baeng kwa kgotleng, Kgosi Mothusi Tsetse a tlhalosa fa  ba ne  ba  tsaya  tshwetso ya go laola thekiso ya bojalwa kwa Otse,  ba  sena go bona matshwenyego a  batho  ba  ba  nwang  bojalwa  phetelela, mme bangwe ba bone ba  tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV   le  tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona, TB.

Kgosi Tsetse o tlhalositse  fa  tiriso botlhaswa ya nnotagi e baka  dintsho  tse dintsi  ka jaana bangwe ba  ne  ba  tlhabana  ka  dithipa  kwa   maitiisong,  bangwe  ba  pitikologa  ka dikoloi  fa  bangwe ba itlhokomolosa ditaelo tsa  ba  bongaka. Kgosi o akgoletse puso  go tsaya  kgato  ya go  fokotsa dinako tsa thekiso ya   bojalwa,  le  fa batho bangwe  ba bo rekisa ka bokukuntshwane ka dinako tse di sa  letlelelweng.

 O  kopile ba  Men Sector  go tsibogela go etela kwa dikolong, g  thusa barutabana  mokgweleo  wa  bana ba ba nwang  majalwa le  go goga  motsokwe,  a supa  fa  bolwetse   jo,  jwa  go  nwa   phetelela  modi  wa   jone  e  le  barekisi  ba  bojalwa, a bo a kopa  gore  ba  etelwe, ba bo ba kopiwe go tsaya karolo mo  go lwantsheng   go   nowa ga  bojalwa  phetelela.

Mogolwane  go   tswa   kwa   mokgatlhong   wa   BOSASNET   Rre   Isaac    Tokonyane, o   tlhalositse    fa  e  sale   mokgatlho   wa   bone   o   tlhamiwa,  ba   setse   ba   bonye  batho  ba   feta  makgolo  a  supa,  ba  ba  supileng  fa  ba  nale bothata   jwa  tiriso   botlhaswa  ya   nnotagi.                                                                                                                                                          

O   tlhalositse   fa   sepatela   sa   balwala-tlhaloganyo sa   Sabrana  kwa  Lobatse,  se  tletse   balwetse,  mme  bosupa  mo lesomeng  e  le banana,  bontsi  jwa  bone e le ba ba neng ba   dirisa   dinotagi le diritibatsi phetelela.                                                           

E rile ba ntsha la bone, bangwe batsadi ba supa fa bana ba bone,  ba lala ba a nwa  bojalwa  bosigo, ba bo ba tsamaya ba opela  mo  mekgwatheng,  mme  fa  mogolo  a  leka  go  ba  kgalemela ba  mmuisa   jaaka  ba  rata.

Bangwe   ba  ne  ba  kopa  gore  go  tsosoloswe  mowa  wa go  dirisana  le  barekisi  ba  bojalwa, gore  le  bone  ba   tseye  karolo  mo  go  lwantsheng  go  nowa  ga  jone  phetelela,  ba supa fa  go  kile  ga  dirwa  jalo  mo  dingwageng  tse  di  fetileng  mme  ga  nna  le  maduo  a  a nametsang.  

Ba  supile   fa  batsadi   bangwe  ba a nwa  bojalwa ka mafelo a beke ba apere  paka ya  sekolo,  mme ba supa fa se se diga sereti sa thuto ya lefatshe leno, gape se ruta bana gore ba ka nwa  bojalwa ba tswa sekolong go sena molato. 

Ba supile fa bana bangwe ba fitlhela batsadi ba bone  ba ile bojalweng mme ba sa ba apeela sepe.

Mogolwane  yo o lebaganeng le tse di amanang le AIDS mo kgaolong  MmeTuelo Chibana,  o kopile batsadi go lemoga seabe sa bomalome mo  kgodisong  ya  bana,  bogolo  jang  batsadi  ba  ba   sa nyalwang. O kopile batsadi go kgalemela bana fa b  bona ba fapoga, ka bangwe ba bone ba kgalemelesega. 

Mme Chibana o bagakolotse gape go siela kwa Modimong, a supa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Thuto puisanyo

Date : 31 Mar 2014