Breaking News

Boikgapho bo ka thusa

30 Mar 2014

Banana ba Otse kwa Kgaolong ya Borwa Botlhaba ba rotloediwa go ikgapha mo diritibatsing le nnotagi ka di ba senyetsa bokamoso.

Se se boletswe mo pitsong ya botlhe e e neng e rulagantswe ke komiti ya Men Sector ga mmogo le lekgotla la Motor Vehicle Accidents (MVA) ka fa tlase ga setlhogo sa Ntwa Kgatlhanong le Tiriso Phetelela ya Nnotagi le Diritibatsi bosheng.

Maikaelelo magolo a se e ne le go sekaseka ditlamorago tsa tiriso botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi le go neela banni ba motse oo sebaka sa go tswa ka megopolo ya gore go ka dirwa eng go lwantsha seemo.

Fa a simolola tiro ya letsatsi, moruti wa kereke ya Assemblies of God Ministries, Moruti Otlaadisa Motladiile o ne a tlhalosa fa batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, ka jalo go swabisa gore batho ba dire ka fa go sa tshwanelang ka teng.

Moruti Motladiile a re motho ke ene a ka itlhophelang se a se batlang mo botshelong a sa laolwe ke sepe mme ga se gore sengwe le sengwe se a thusa. Mothusa Kgosi wa Otse, Kgosi Moreti Tshephe o boletse fa ba lemogile gore banana ba eteleditse nnotagi kwa pele, a tlhalosa fa tota dilo tse di tswa bogologolo, mme bone ba ne ba iphitlha ka ba ne ba supa maitseo fa pele ga batsadi ba bone. 

A re gompieno ga go rone go fitlhela monana a fapaanela phafana le bagolo, mme ba feletse ba le mo dikgogakgoganong tse gantsi di felelang di baka ntwa. Kgosi o ne a gatelela gore banana ba tsee dithuto ka tlhoafalo ba tle ba kgone go tlotlomatsa lefatshe la bone ba le ise kwa mankalenkaleng.

Modulasetilo wa komiti ya Men Sector, Rre Lameck Gabakgorwe o ne a tlhalosa fa bogologolo bojalwa bo ne bo laolwa, bo na le dinako e bile bo dirisiwa e le kalafi. O boletse gore e rile fa bojalwa bo sa tlhole bo laolwa, tiriso botlhaswa ya jone ya ya magoletsa. 

Rre Gabakgorwe a re dingwe tsa dikai tsa gore motho o dirisa diritibatsi di akaretsa go itlhaola mo bathong, go tlogela tiro le sekole ga mmogo le go utswa. O ne gape a tlhalosa ditlamorago tsa go dirisa nnotagi botlhaswa di akaretsa bolwetse jwa sebete , dikotsi tsa tsela le lehuma. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Katlego Gaobotse

Location : RAMOTSWA

Event : Pitso

Date : 30 Mar 2014