Ba Mabeleapodi isa ditebogo
30 Mar 2014
Morafe wa Mabeleapodi mo Kgaolong ya Legare o ne wa ya ka makatlanamane go lebogela pula e e sa tswang go gosomana.
Fa a ntsha mafoko a malebo kwa moletlong oo, Kgosi Nagano Martin wa Paje o ne a lebogela gore dikgosi le morafe wa Mabeleapodi di bo di bone go tshwanela gore di ba bitse ba tle go ipela mmogo ka Setswana se re matlo go sha mabapi.
Kgosi Martin o ne a tlhalosa fa mmuso mongwe le mongwe o dirilwe ke Modimo e bile baeteledipele ba tlhophilwe ke Modimo, ka jalo go supagala fa Tautona a beilwe ke Modimo mo setilong ka Modimo o ne a reetsa dithapelo tsa gagwe mme a di araba.
O ne a tlaleletsa ka go re go boitumelo jo bogolo kwa Modimong ka gore fa motho a dira tshiamo Modimo o a itumela a bo a mo araba.
Kgosi o ne a tshwaela ntlha ya gore go na le batho ba ba tlogelang masimo a le nosi mo dijalo di felelang di jewa ke dinonyane bone ba ile phaneng mme a kopa gore ba tlhokomele masimo.
O gateletse ntlha ya gore barui ba dikgomo ba di tlhokomele gore di seka tsa aja dijalo, ka jalo a laela morafe gore fa loruo lo ka ba senyetsa ba gape kgomo ka gore batho ga ba ikaelela go disa.
Fa a bua ka tiro ya letsatsi, modulasetilo wa komiti ya tebogo pula, Rre Godfrey Monnakala o ne a re o tshwantshanya maikutlo a ga Tautona a gore dikereke ka go farologana di rapelele pula le a ga Elijah mo Baebeleng yo dithapelo tsa gagwe di neng di lebagane le pula.
A re dikereke di ne tsa tsaya mafoko ao, tsa rapelela pula ke ka moo gompieno lefatshe le itumeletseng pula.
Rre Monnakala a re o lebogela pula e namagadi e e neleng le thobo e e beilweng fa pele ke Ramasedi ka go supagala fa lefoko la gagwe le ne la jalwa mo go Tautona.
Mokhanselara wa Paje, Mme Ruth Kadise o ne a leboga botsadi jotlhe jo bo neng jwa tla go rapelela pula mme a ba rotloetsa gore ba tswelele fela ba ntse ba leboga Modimo ka monyenyo o mogolo fa ba ntse ba tsena mo ditshimong.
O ne a kopa gore se se kokoanetsweng e seka ya nna sa letsatsi fela mme e nne tshimologo.
O ne a kopa komiti gore e tshwarelele go fitlhela thobo e tla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Otshidile Kebalemoge
Location : SEROWE
Event : Moletlo wa malebo
Date : 30 Mar 2014






