Breaking News

Borre ba bonya go dira learo

30 Mar 2014

E re le ntswa puso e semeletse ka go rotloetsa borre go kgaola letlalo la bonna, go santse go nale bangwe batho ba ba santseng ba nale seipato go dira  jalo.

Moithaopi mo go ba lephata la botsogo go rutuntsha setshaba sa Maralaleng ka go rupa ga borre, Rre John Omone Hengari a re, borre ba motse oo ba santse ba le maoto a tshupa fela thata mo go rupeng.

A re, borre ba re, ga ba kake ba kgona go rupa ka go ka ba kgoreletsa  go tshameka mo ditlhopheng tsa bone ka dinako tsa dikgaisano. Ka jalo a re, puso e tshwanetse ya tla ka molawana wa gore gongwe dikgaisano tse, di  tsenwe ke fela ke batho  ba ba rupileng. A re, se, se ka gwetlha banana go rupa ka dipalo tse dintsi ka ba batla go tshameka  kgwele ya dinao.

O tsweletse a re, se, se ka itsa le boitseme mo go borre. Rre Hengari a re, gape go ka dirwa gore malatsi a a fa gare ga dikgaisano a okediwe go fa batho sebaka sa go dira ditiro di sele.

Fa a tswelela a tlhalosa Rre Hengari a re, go nale batho bangwe ba ba santseng ba ipata ka kereke go itsa go rupa. A re, batho bangwe ba ntsha mabaka a gorego rupa ga go tswe kwa modimong, a  tlatsa ka gore ba re, modimo o ba tlhodile ka fa ba ntseng ka teng gona le lebaka. 

A re, ba tswelela ka go supa fa modimo a ne a itse gore letlalo leo ga le a siame, o ka bo a sa le dira, ka jalo a le dirile ka lebaka.

A re, o gakolola botlhe ba ba nang le tumelo ya mofuta oo go bala Genesis kgaolo ya masome a bosupa, lokwalo la lesome go fitlha kwa go ya lesome le bone. A re, ditemana tse, di bua gore lo tla rupisiwa nama ya letlalo la bonna jwa lona mme e tla bo ele sekao sa kgolagano fa gare game le lona.

Rre Hengari a re, se ke sesupo sa gore batho ga ba a tshwanela go dirisa baebele ele seipato sa go tlhoka go rupa, a tlatsa ka gore baebele e rotloetsa borre le basimane go rupa. A re, go tswa go- lowe go rupa go ntse go dirwa mathata fela ke gore go ne go le bofitlha.

Rre Hengari o tswelela ka go supa fa batsadi ba santse ba itsa bana go rupa ka seipato sa gore kgaolo ya bone e mogote fela thata,  le ntswa bana bone ba nale keletso ya go dira jalo. O tswelela ka go supa fa mo ngwageng o o fetileng ba ne ba kwadisa bana ba le masome a marataro le bofera bongwe mme ga dira ba le lesome fela.

A re, ba rulagantse beke ya ntlha dikole di sena go tswalwa go rupisa bana, ka jalo a re se, se ka fa bana ba dikole nako e ntsi ya go fola dikole di ise di bulwe.

Rre Hengari o kopile  borre ba motse oo, go ema ka dinao go rupa, a re go setse go tlhalositswe fa go dira jalo go fokotsa kgonagalo  ya go tsenwa ke mogare,  go ka itsa le dikakana tsa bonna le go ka thibela kankere ya molomo wa popelo mo go bomme.

A re, fa borre ba nna boitseme jaana, ba itse gore se, se baya matshelo a bakapelo ba bone mo diphatseng, ka jalo a re, ba tshwanetse ba akanyetse le batho ba ba tshelang le bone fa ba tsaya ditshwetso.

O rotloeditse bomme le bone go ema bakapelo ba bone nokeng fa go tla mo dikgannyeng tsa go rupa.

O tsweletse a re, borre bangwe ba tlhoka go fiwa lebaka la go rupa mme bakapelo ba bone ba ka tsaya karolo e tona mo go ba bontsheng seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Thuto-puisano

Date : 30 Mar 2014