Go tsena ga motsoko e se ka fa molaong go a oketsega
30 Mar 2014
Mothusa mookamedi wa sepodisi sa Botswana, Mme Oabitse Rankwaila o supile matshwenyego ka dipalo tse di golelang pele tsa go tsenya metsoko e e seng ka fa molaong mo lefatsheng leno.
Fa a bua kwa toropong ya Francistown mo thuto- puisanong ya go tsenya motsoko e se ka fa molaong mo lefatsheng leno, Mme Rankwaila a re ,le fa ntswa mathata a lebane lefatshe leno ka bophara, toropo ya Francistown ke lengwe la mafelo a a amiwang thata ke kgang e.
A re ka 2012, go begilwe dikgetse di le masome a mararo le bongwe tsa mofuta o mme ngwaga o o fetileng di ne tsa oketsega tsa nna masome a mararo le boroba-bongwe . O tsweletse a re, go oketsega ka bofera bobedi go lebega ele palo e nnye, mme ke palo e tona fa go lebilwe boleng jwa metsoko eo.
Le fa go ntse jalo, Mme Rankwaila a re, dikgetse tsa dithoto tse dingwe tse di utswang jaaka mekgabisa e e rwalwang, dilaptop le thelebishine tsa plasma tse di ntshiwang e se ka fa molaong mo lefatsheng leno, le tsone di a tshwenya.
A re, bakgweetsi ba dikoloi tsa megobagoba le ditaxi, ke bone ba tsenyang dithoto e se ka fa molaong mme a ba kopa go tlogela go dira jalo. O ba gakolotse gore,ga se fela gore ga go ka fa molaong go pega dithoto tseo go di ntsha mo lefatsheng leno,mme go kotsi mo matshelong a bone ka mo dinakong tse dintsi ba di ntsha bosigo.
O supile matshwenyego ka dikoloi tse fa gongwe o fitlhelang di pegile morwalo o montsi go feta o di o letlelelwang, segolo jang kwa melelwaneng, a re se, se direla ba ba laolang mesepele bothata fa ba leka go phuruphutsha dikoloi ka jalo ba bo ba bone sebaka sa go tsenya dithoto e se ka fa molaong.
Mmereki mongwe wa Botswana Unified Revenue Service Mme Catherine Lephojane a re, ka ngwaga wa 2013/14 wa madi , go begilwe dikgetse di le makgolo a mabedi le bosupa tsa go tlhoka go supa dithoto kwa molelwaneng mo Francistown.
A re, mo dithotong tse di neng di tsenngwa e se ka fa molaong , motsoko ke one o neng o di goga kwa pele , o latelwa ke ditlolo tsa sefatlhego le diaparo tse di kileng tsa aparwa. A re, metsoko e tsenngwang mo lefatsheng leno mo mafelong a a sa letlelelweng gantsi e e akaretsa remmington gold,kingsgate, kingdom, everest le pacific storm, fa ditlolo ele diproson.
O tsweletse a re, go tsenya dithoto e se ka fa molaong, go dira gore batho ba le bannye fela e nne bone ba akolang go tswa mo dithotong tseo ,tse di ka bong di solegetse setshaba ka kakaretso mosola ka lekgetho .
A re, dithoto jaaka diaparo tsa ka fa teng tse di kileng tsa dirisiwa, di ka tsisa malwetse ka gonne ga go itsiwe kwa di tswang teng e bile ga go itsiwe fa di supilwe di siame pele fa di ya kwa setshabeng.
Rre Kebaabetswe Keatlholetswe wa lephata la dipagamo,ditlhaeletsano le pabalesego o supile matshwenyego ka batho ba ba hirisetsang ba bangwe diteseletso tsa go pega setshaba, a re, se ,ke selo modiro mo toropong ya Francistown.
A re bangwe ba dirisa dipalamo tsa bone jaaka dipalamo tse di rwalang bana ba sekolo mme ba tshotse tetla ya go pega setshaba ,fa bangwe ba bereka fela fa kgwedi e fedile le ka malatsi a boitapoloso.
A re, go sa saleng morago molao wa teseletso, go ka dira gore e tsewe mo go mong wa yone.
Rre Patrick Makoba wa Narcotic, Fauna and Flora a re, tiriso ya ditagi ke selo modiro mo baneng ba dikolo tse di potlana mme o ipotsa gore bokamoso jwa lefatshe le ke jo bo ntseng jang.
A re, bakgweetsi ba ditaxi le dipalamo tsa setshaba ke bone ba rwalang ditagi le dithoto tse dingwe tse di seng ka fa molaong.
Mothusa ratoropo Mme Joyce Ndove o supile banni ka monwana go bo ba reka dithoto tse di tseneng e se ka fa molaong le go tlhoka go bega badira molato. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Thuto-puisano
Date : 30 Mar 2014






