Dipompo tsa dikarata di sokodisa banni
30 Mar 2014
Baagi ba Malatswai kwa kgaolong potlana ya Serowe ba re go simolodisiwa ga dipompo tsa morafe tse di dirisang dikarata go ba beile ka fa mosing.
Ba supile se mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa-tona wa lephata la botsogo, Dr Gloria Somolekae bosheng. Banni bao ba tlhalositse fa tshwetso ya go simolodisiwa ga dipompo tseo e itlhaganeletswe .
Ba tlhalositse gore khamphani ya ditirelo tsa metsi ya Water Utilities Corporation e tswetse dipompo tse dikgologolo ntswa tse di dirisang dikarata dile palo e potlana go nosa motse, Seemo se ba supileng fase baka gore ba tsamae mesepele e meleele go batla metsi.
Mo godimo ga moo ba re ga gona ko ba tsenyang teng madi mo dikarata tseo, tse di dirisiwang go bulela metsi mo dipompo tseo,bare ba kompone ya ditirelo tsa metsi ba sale ba ba solofeditse go kopela dimachine (recharging machine ) o o tsenyang dikarata tseo madi mo dikgwebong dingwe tse di mo motseng oo mme nako kgolo ke eo.
Ka go tlhokiwa setlankana sa motse gore motho a fiwe karata e e gang metsi mo dimpompong tseo bare se se baya banni bangwe ba ba senang ditankana tsa metse ka fa mosing.
Bontsi ba batho ba ba senang ditlankana tsa metse ba re ke ba ba neng ba fudusiwa go atumela ditlamelong.
Mongwe wa ba ba neng ba supa matshwenyego ka dipompo tsa dikarata ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse,Rre Kenakgang Makeshane yo o supileng fa bangwe ba sena ditlankana tsa metsi ka bane ba fudusiwa kwa dipolaseng go atumela ditlamelo.
Makeshane a re seemo se se babalela batho bao ka go tlhokana le setlankana sa motse gore motho a kgone go abelwa karata e e bulelang metsi.
Mongwe wa batsena phuthego yo o ikaileng ele ,Rre Gosalamang Motsomelo o supile fa ba sale ba solofeditswe gore gotla bewa dimachine tse di tsenyang madi mo dikarateng tse di bulelang metsi mo marekisetsong a a mo motseng mme le motha ono ga go ise go nne jalo.
Rre Motsomelo one a thalosa gore palo ya dipompo tse di dirisang karata ga e a lekana go nosa banni ba koo.
Batsena phuthego ka go farologana bane ba tswelela ka go supa matshenyego a a tshwawanang ka go simolodisiwa ga dipompo tsa dikarata mo metseng wa bone ba tlatsa ka gore komponi ya ditirelo tsa metsi ga ena morero le morafhe.
Fa a tsibogela matshwenyego a metsi ,modiri mo komponeng ya ditirelo tsa metsi a dira ele Pompara kwa motseng oo,Rre Tshoganetso Gaboitsewe yo o tlhalositseng fa tshimolodiso ya dipompo tsa dikarata ele tsela ya go somarela metsi a re ntswa dipompo tse dikgologolo dine tsa tswalwa tsothe dingwe dine tsa bulwa gape.
Rre Gaboitsewe a re tswetso ya go tswala dipompo tse dikgologolo go isi go okediwe palo ya dipompo tsa dikarata e ene le phoso go tswa mo komponeng ya bone.
O tlhalositse fa dipompo tse di butsweng di tla tswelela di nosa batho go fithelela thulaganyo ya go fetole dipompo tsothe gore e nne tsa dikarata e wela.
A re thulaganyo ya go tisa dimachine tse di tsenayang madi mo dikarateng kwa Malatswai e santse e sa kgonafale ka go sentse go sekwa sekwa tshireletsego ya madi a kompone fa dimachine di bewa mo marekisetsong kwa motseng oo.
A re mo nakong eno, kompone ya bone e tla kgwedi le kgwedi go tsenya madi mo dikarateng tsa bareki ba metsi kwa motseng oo.
Fa a tswa la gagwge,Mothusa-tona wa botsogo Mme Somolekae o ne a solofetsa baagi ba koo gore otla tsaya kgang ya metsi go ya go e rolela tona oo lebaneng ebong ,tona wa Meepo,kgotetso le metsi ,Rre Kitso Mokaila.
Mme Somolekae o ne a supa fa go tshwanetswe go dirwa thulaganyo ya gore batho ba kgone go tseya madi mo dikarateng tseo nako nngwe le nngwe fa madi a fedile gona le go emela kgwedi gore e fele.
A re go emela gore kgwedi e fele go baya banni ka fa mosing ka madi mo karateng a kgona go fela nako nngwe le nngwe,gape batho ba nna le madi ka nako tse di farologaneng.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : SEROWE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 30 Mar 2014






