Breaking News

Tirelo Setshaba e rotloetsa banana go direla lefatshe

30 Mar 2014

Maikaelelo a lenaneo la Tirelo Setshaba ke go rotloetsa banana go rata le go direla lefatshe la bone ka botswapelo le gone go tsaya karolo mo go tlhabololeng merafe ya bone.

Mothusa mokwaledi mogolo mo lephateng la banana metshameko le ngwao, Rre Jefferson Siamisang, o boleletse khansele ya toropo ya Lobatse mo phuthegong bosheng, fa lenaneo le gape e le la boithaopo.

"Lenaneo le le diretswe gape go thusa banana go tsaya karolo le boikarabelo mo go tlhabololeng metse ya bone,” ga bua jalo Rre Siamisang.

O supile gape fa maikaelelo a Tirelo Setshaba e le go bona bokgoni  jwa banana, go tsisa phetogo mo boitshwarong jwa banana le gone go ba fa boikarabelo mo setshabeng.

A re lenaneo le le tla thusa go tshwaraganya banana le merafe ya bone ka tsela e e bonalang.Rre Siamisang o boletse gape fa lenaneo le le tla rotloetsa mowa wa go direla lefatshe, boithaopo le go bulela banana ditsela.

A re lenaneo le le leka gape go fokotsa selelo sa banana sa letlhoko la ditiro ka go dirisa bokgoni jwa bone fa go tshwanetseng. “Bothata jwa go tlhoka mebereko ga banana go golela pele ka seemo se se tlhobaetsang”, a rialo Rre Siamisang, a tlatsa ka gore banana ga ba a lebanwa ke bothata jwa go tlhoka mebereko, a tlhalosa fa banana ba gomagometswa ke lehuma, malwetse le diemo tse dingwe tsa botshelo.  

A re ka lenaneo le banana bat la ithuta go le gontsi le gone go ikamogela ele setshaba fa ba tsweletse ka go direla merafe e e farologaneng.  

A re palo ya banana ba ba mo lenaneong le e ka kgaoganngwa go lekalekana ka dikgaolo tsa botlhophi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : LOBATSE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 30 Mar 2014