Breaking News

Ba Lecheng ba ipelelaLetsatsi la balemi

30 Mar 2014

E rile bosheng motse wa Lecheng wa tshwara tiro ya letsatsi la balemi kwa masimong a Mmoo.

E rile a amogela morafe, Kgosi ya Lecheng, Kgosi Prince Obuseng, a tlhalosa fa balemi ba ipopa go dira komiti ya tsa temo thuo mo kgaolong potlana ya Palapye.

Kgosi Oletile Modisa o e leng kgosi ya Serule le ene e ne o ile a latlhela la gagwe ka go leboga modimo gore a bo a nesitse dipula ka gore di thusitse balemi go lema.

O tlhalositse fa temo ya balemi ba ba botlana e na le dikgwetlho tse dintsi fela thata, a re balemi ba ba botlana ga bana didirisiwa ka jalo ba dirisa metlhale e saletseng kwa morago ya temo jaaka go gasa.

O kgotlhaditse banana gore ba seka ba itlhoboga ba re ga bana madi, a re ba tswelele fela ba leka fa ba lekang teng go tsena mo temong. “Mothusa tautona o tlhalositse fa temo thuo e ka tsholetsa itsholelo ya lefatshe la rona.

Temo thuo e ka tsholetsega fela fa balemi ba ka dirisa mananeo a ba a filweng ke puso,” ga tlhalosa jalo Kgosi Modisa.

Kgosi Modisa o ne a tlhalosa fa go lema ka ditselana go santse go saletse kwa morago fela that aka jalo a rotloetsa balemi go lema ka ditselana le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng, go dirisa menontshane le dilo tse di bolayang diji.

Kgosi o ne a rotloetsa balemi go ithuta go bala le go kwala ka malatsi a go saeniwa ka pena e seng ga bogologolo mo go bewang monwana. Are go itse go bala le go kwala go ka thusa gore motho a tlhaloganye pele a diragatsa se a se badileng mo dibukeng tsa temo thuo.

Fa a wetsa, Kgosi Modisa o ne a rotloetsa balemi go tlhabolola masimo a bone ka go tlhagola mohero gore o seka wa tseela dijalo tse di lemilweng dikotla, a rotloetsa gape gore ba inaakanye le mananeo a puso a ISPAAD le LIMID.

Balemi ba ne ba tsaya loeto mo masimong ka go farologana go tsaya malebela mo temong ya ba bangwe.

Loeto lo ne lwa simolola mo malwapeng a batho ba ba ithusang ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Mme Moroba Methi , e le mongwe wa ba lenaneo la nyeletso lehuma, ene o ne a tlhalosa fa a dirile tshingwana ya morogo mo lapeng a lemile morogo wa rape, spinach, ditamati le dianyense.

Are lenaneo le le mo thusitse fela thata ka jaana a itshetsa ka go rekisa merogo ya gagwe a bo a kgona go dira tsele le tsele mo lwapeng ka dipoelo tsa teng.

Rre Thapelo Mapotu, e ne ke wa tshimo e tona, o thalositse fa a lemile tshimo ya gagwe ka tshukudu ya temo (tractor).

Mme o tlhalositse fa pele a lema o tlhatlhobile mmu wa tshimo ya gagwe pele gore a o tlhaelelwa ke dikotla , mme a fitlhela o siame ke gone a bo a itse go lema.

O lemile ka ditselana jaaka ba rotloediwa, a bo a tlhalosa fa a ile a tshela monontshane morago ga temo .

Rre Mapotu o tlhalositse fa a itumeletse dipula tse di neleng ka gore tshimo ya gagwe e tshutshuma ka dijalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaerobale

Location : LECHENG

Event : Letsatsi la balemi

Date : 30 Mar 2014